Mokhanselara o tlhokafetse
25 Sep 2014
Mokhanselara yo o itlhophetsweng mo kgaolong ya Kanye Bokone, Mme Masegonyana Kgaodi o tlhokafetse kgwedi eno ele masome a mabedi le bobedi a le dingwaga di masome a marataro le bone.
Mo potsolotsong ka Labobedi, modulasetilo wa khansele potlana ya Kanye, Rre Patrick Ralotsia o tlhalositse fa Mme Kgaodi a tlhokafaletse kwa Zimbabwe kwa a neng a ile bongakeng teng. O boletse fa Mme Kgaodi a ne a ntse a tsamaya bongaka kwa Aferika Borwa mme a tlhalosa fa ditlhabi di ntse di mo kgoreletsa go tsena diphuthego tsa khansele sentle.
Rre Ralotsia o tlhalositse gore Mme Kgaodi o tsene mo sepolotiking ka 2009 ele leloko la phathi e e busang ya BDP mme ya re morago ga ditlhopho ya nna mokhanselara yo o itlhophetsweng ke tona, mme o ne a ne a sa emela ditlhopho tsa mono ngwaga.
O tsweletse a re Mme Kgaodi o ne a na le seabe se setona mo khanseleng ka gape e ne ele modulasetilo wa komiti ya khansele ya thuto le botsogo, tiro e a reng o ne a e dira ka botswerere le bonatla.
A re pele ga Mme Kgaodi a tsena mo sepolotiking e ne ele morutabana mme a tlogela tiro a setse a tshegeditse maemo a bogokgo. O boletse fa e ne ele mogwebi yo o itebagantseng le thuo ya dikoko tsa nama mme go tlhoka go tsoga sentle ga gagwe ga emisa kgwebo eo ka nakwana.
Mogolowe moswi, Mme Monnosi Nyenye o tlhalositse fa Mme Kgaodi a tla a bolokwa kwa Kanye ka Matlhatso kgwedi eno ele masome a mabedi le bosupa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Kitsiso ya loso
Date : 25 Sep 2014