Breaking News

Go utswiwa ga motlhaba go a tshwenya

25 Sep 2014

Banni ba Moiyabana mo kgaolong ya Legare ba re ga ba bone boroko ka ntlha ya bagwebi bangwe ba ba tsayang motlhaba mo motseng wa bone ntleng le teseletso.

E rile ba bua mo phuthegong ya kgotla ka Laboraro, banni ba tlhalosa fa seemo se se setse se keketse ka jaana bangwe ba bagwebi ba tsaya motlhaba bosigo go robetswe. Ba tlhalositse gore ba tshelela mo letshogong ka gonne fa ba kgalemela bagwebi bao ga ba emise se se teng ba ba solofetsa leso.

Modulasetilo wa komiti ya balemi barui, Rre Andrew Epadile o tlhalositse fa barui bangwe ba motse oo ba itiretse metswedi ya metsi e ba nosang leruo la bone mo go yone mo molapong oo wa motlhaba ka jalo bangwe ba setse ba senyeditswe didiba tseo ke boraditeraka bao. O tsweletse a re go epa motlhaba gape go tlogela mesima ya didiba tseo selo se a reng se borai fela thata ka leruo la bangwe le setse le wetse mo go yone ka dipalo tse di kwa godimo.

 Rre Epadile a re fa selo se, se ka seke sa tsenngwa leitlho ba ka felela ba dulwe ke di tsa tlholego le matshelo mo diatleng le mororo ba ne ba nale tsone.

E ne ya re a ba kgwa kgaba, modulasetilo wa lekgotlana la tshomarelo di tsa tlholego mo kgaolong ya Legare, Rre Alec Utlwang a tlhalosa fa Motswana mongwe le mongwe a letlelesega go bapala sepe fela sa tlholego ntleng le teseletso e a e lopiwang fa a di bapalela go di dirisa kwa lwapeng mme fa a tlola seelo se se letlelesegang go nna le tlhwatlhwa e a tshwanetseng go e duela.

Le fa go ntse jalo, o tlhalositse gore fa motho a bapalela go gweba ka di tsa tlholego o tshwanelwa ke go sala morago tsamaiso e e lolameng ka go dira teseletso kwa maphateng a a amegang jaaka ba ditsha le ba tshomarelo tikologo, mme e bile a re therisanyo magareng ga bogogi ja motse o go nang le dingwe tsa go nna jalo e tshwanetse go nna teng. 

A re gape go tshwanetse ga nna le ditshekatsheko tse di tseneletseng go bona gore di tsa tlholego tseo ga di dirisiwe botlhaswa ka di le botlhokwa fela thata go tla go ruta ba ba sa ntseng ba gola  ka tse motse wa bone o nang le tsone.  Modulasetilo o kgothaditse banni go bopa dikomiti tse di tla a tsamaisang le gone go laola di tsa tlholego tse di bonwang mo motseng wa bone.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa tikologo go tswa kwa Serowe, Mme Tuelo Nkwane o tlhalositse gore fa motho a ka tshwarwa a tsaya di tsa tlholego a sena teseletso  o lebanwe ke katlholo ya P100 000. Mme Nkwane a re boikarabelo ja tikologo ke ja botlhe e seng puso fela jaaka bangwe ba akanya. A re setshaba se tshwanetse go tsaya boikarabelo ka go tsibosa ba ba lebaneng fa dilo dingwe di sa tsamae sentle mo motseng wa bone.

Mo letlhakoreng le lengwe, mogolwane wa tsa boitseanape jwa meepo, Rre Kenalemang Charles o tshepisitse banni gore le fa ntswa bodiredi bo tlhaela ba tla leka ka bojotlhe go gagamatsa setoropo go bona gore di tswa mmung di a somarelwa le gone go itsa kgotlhelesego ya tikologo.

E re dikgang di eme jalo, moemedi wa bagwebi ba motlhaba, Rre Motshereganyi Sentsho a re ba ngongoregela tsamaiso ya go kopa teseletso ya go epa motlhaba ka e tsaya lebaka le le leele, selo se a reng ke sone se dirang gore ba feletse ba ipagololela mogodu. O kopile puso go ela selo seo tlhoko gore teseletso e kgone go dirwa ka bofefo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Sep 2014