Lephata le rotloetsa dikgwebo
25 Sep 2014
Lephata la bong kwa Kanye le ntshitse P2 million go rotloetsa dikgwebo tse di potlana di le lesome le bobedi.
Mogolwane wa lephata leo, Mme Tebogo Motlogelwa a re mo dikgwebong tseo, di supa di santse di dira sentle, tse tharo di ole fa di le pedi di santse di tla simolodisiwa.
A re dikgwebo tse di berekang di akaretsa Soon and Soon Investment Poultry, Batsogapele Leather Works, Gamokgomana Toilet Paper and Diapers, Onae Farmers Group Smallstock, Mmamokhasi Vegetable Production, Gamodenaka Brick Moulding le Bana Ba Motho Theatre Artists.
O tsweletse a re tse di oleng di akaretsa Gotlhajwang (Pty) Ltd poultry, Tease Brick Moulding le Kanatla Forestry fa Morakana Matheaphiri Smallstock le Bammogo Investment Smallstock tsone di tla a simolodisiwa.
Bomme bale masome a mane le bosupa le borre ba robabobedi ke bone ba dirang ditlhopha tse di lesome le bobedi tseo, tse dingwe di simolotseng ka go dira ka 2010. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 25 Sep 2014