Breaking News

Se amogeng dingwetsi boswa - molaodi

25 Sep 2014

Mothusa molaodi wa kgaolo ya Mahalapye, Mme Ndindoga Makhwaje, o kopile batsadi go emisa mokgwa wa go amoga dingwetsi tsa bone boswa jwa banna ba bone.

Mme Makhwaje o dirile kopo e, fa a nyadisa batho bale lesome le boferabobedi ba ba neng ba nyalana mo kgotleng ya Mahalapye, ba botlhe ba nyalaneng ka nyalo ya go tlhakanela dithoto.

A re ele balaodi ba tshwentswe thata ke dipego tsa dikgang tsa beke le beke tsa basadi ba ba ikuelang mabapi le go amogwa dithoto ke bomatsalaabone morago ga go tlhokafala ga banna ba bone ba ba banyetseng ka fa molaong.

Mme Makhwaje o boleletse batho ba ba neng ba thologetse manyalo ao gore gole gantsi malwapa kana manyalo a thujwa ke go tlhoka go tshephana ga banyalani, go ratana kafa tlhoko ga banyalani, go tlhoka go rerisana ditiro tse di dirwang mo lwapeng ga banyalani,bana ba ba tshotsweng kwa ntle ga lonyalo le go tlhoka go supeetsana dituelo tsa kgwedi le kgwedi ga batho ba ba nyalaneng.

E rile modulasetilo wa lekgotla la baruti mo Mahalapye moruti Dichaba Kebaagetse a ema banyalani bao ka lefhoko, a ba kgotlhatsa go nna le lorato le tshephano fagare ga bone, a bolela fa seo ele sone se se tla tswelelang se nosetsa lorato la bone ka dinako tsotlhe go fitlhelela ba kgaoganngwa ke loso jaaka buka e boitshepo e tlhalosa.

Moruti Kebaagetse o rile go itshunya nko ga batsadi ba bana ba basimane mo mererong ya malwapa a dingwetsi tsa bone ke gone mo go dirang gore phelelong fa ngwana wa bone a hulara kana a tlhokafala ba bo ba lwela boswa le ngwetsi ya bone ntswa a nyetswe kafa molaong.

A re go loba bana ba ba tshotsweng kwantle ga lonyalo le go tlhoka go laela batho ba ba ntseng ba tshedisana le bone pele ga lonyalo gammogo le megala ya letlheka ke dingwe tsa dilo tse di thubang malwapa ka jaana bangwe ba bone ba letsa masigo gare batho ba robetse le basadi ba bone kana banna ba bone.

Moruti Kebaagetse o boletse fa batho bangwe segolo jang basadi ba tsena mo nyalong ba gwebile dithoto le madi a batho ba ba eletsang go ba nyala ntswa bone mo teng ga dipelo tsa bone ba sena maikemisetso a lonyalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Letsatsi la manyalo

Date : 25 Sep 2014