Breaking News

Letshololo le tlhasetse Moiyabana

25 Sep 2014

Motse wa Moiyabana mo kgaolong ya Legare o tlhasetswe ke dipeba tse banni ba belaelang fa di ka tswa di ba tsiseditse bolwetse jwa letshololo.

Banni ba boletse jalo mo phuthegong ya kgotla morago ga pego ya ba botsogo ya gore ba amogetse dikgang tsa letshololo di le masome a mararo mo bekeng tse pedi tse di fetileng di ama bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse tlhano.

Banni ba tlhalositse fa dipeba tseo di ba tsentse tsebetsebe ka jaana di dira go rata le go kgona mme ba supa fa di ka tswa di bakwa ke go bo ba nnile le thobo e e nametsang mo pakeng e e fetileng ya temo.

Ba re ba belaela fa dipeba tseo e le tsone di ka tswang di baka letshololo le le tsweletseng ka go tlhasela bana le bagolo. Ba ne ba batla go itse gore a dipeba ga di na botlhole bope jo bo ka amang botsogo jwa motho fa di amane le dijo.

Fa a tsibogela matshwenyego ao, mooki Mme Dziidzo Lebala o tlhalositse fa dipeba di ka baka bolwetse jo bo bidiwang ‘plake’ jo a supileng bo ise bo nne teng mo lefatsheng leno.

Mme Lebala o tlhagisitse banni gore ba seka ba ja dijo tse di amaneng le dipeba mme e bile a ba gakolola gore ba tshwanetse go obamela ditsetlana tse di babalesegileng fa ba tshwara dijo go itsa go tshabelelwa ke megare e e ka feletsang e ba baketse malwetse a tshwana le letshololo.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa botsogo, Rre Bagogi Chibona o rurifaditse fa bolwetse jwa letshololo bo amile banni ba motse oo ka dipalo tse di kwa godimo mo bekeng tse pedi tse di fetileng e bile bo setse bo anama le metse e mabapi.  O ba kgothaditse go phepafatsa tikologo ya bone nako tsotlhe ka e rotloetsa botsogo jo bo itekanetseng.

Fa a itebaganya le bommabana, Rre Chibona o tlhalositse fa lephata la gagwe le sa rotloetse kamuso ka lebotle ka e le borai gonne e ka baka letshololo mo baneng jalo a ba kgothatsa go amusa ka lebele kgotsa ba dirise kopi ka e le motlhofo go tlhatswega.

O tsweletse a re mmangwana o tshwanetse a tsaya bogakolodi kwa go ba bongaka go tloga ka boimana jwa gagwe go fitlha a tshola ngwana.

Le fa go ntse jalo, Rre Chibona o tlhalositse fa go ise go nne le dintsho dipe tse di begilweng tse di ka tswang di bakilwe ke letshololo leo mme a kgothatsa banni go bona ba botsogo fa ba tlhagogelwa ke dikai tsa bolwetse joo ka bo le borai fa bo sa tsibogelwe ka nako.

O boletse fa dipatlisiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se baka bolwetse joo mo motseng oo.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Sep 2014