Banni ba rotloediwa go itse ditshwanelo tsa bone
25 Sep 2014
Banni ba Mogonye mo kgaolong ya Borwa ba rotloeditswe go itse ditshwanelo tsa bone ga mmogo le boikarabelo jwa bone fa ba kopa dithuso mo dikokelong.
Go buile jalo mogolwane go tswa mo kgaolong ya Borwa, Rre Mogomotsi Mathibidi mo phuthegong ya pitso ya botsogo kwa motseng oo bosheng.
Rre Mathibidi o boleletse banni gore ka thulaganyo ya botsogo, go dirwa dikokelo tse ditona jaaka Princess Marina Referral Hospital kwa Gaborone le tse dipotlana jaaka tsa Thamaga Primary Hospital ga mmogo le dikokelo le dikokelwana.
A re batho ba ba kopang thuso, ba na le tshwanelo e tletseng ya go bona thuso e ba e tlhokang jaaka go kopa kalafi kana go botsa, mme ba tshwanetse go thusiwa ka setho.
O tsweletse a re batho ba tshwanetse go fiwa kalafi gosa lejwa letso, maemo kana tumelo ya bone, a re gape motho o na le tshwanelo ya gore fa a sena go tlhatlhobiwa a itlhophela gore ao tsaya kalafi kana nnya.
A re badiredi ba botsogo ba tshwanetse go tlotla balwetsi, e bile balwetsi ba tshwanetse go ikuela mo modiring yo mogolwane mo kokelwaneng eo fa ba kgopisitswe, kana ba sa thusiwa sentle ka gope.
Fa a ntsha thuto ka botsogo, mooki kwa kokelwaneng eo, Mme Lesang Lekwalo, o ne a rotloetsa banni go fokotsa go tsamaya sekgele se seleele ba latela ditlamelo tsa botsogo kwa dikokelong tse dingwe ntswa go atalositswe ditlamelo mo kokelwaneng ya bone.
Mme Lekwalo o ne a tswelela ka go ba itsise gore bomme ba ba itsholofetseng ba na le tetla ya go ikwadisetsa boimana mo kokelwaneng eo ka e bile ena le mooki yo rutetsweng tiro eo.
Molomaganya ditiro tsa kgaolo gotswa mo lephateng la botsogo, Dr Malebogo Rauwe, o ne a tlatsa ka gore lephata la botsogo le dirile thulaganyo e ntsha ya go itshekatsheka le go tokafatsa maduo ya 2010-2020 mme a tlhalosa fa diphetogo di supagala.
Dr Rauwe o kaile fa go na le thulaganyo ya go hema malwetsi ka mokento ga mmogo le go fokotsa dipalo tsa bomme ba ba tlhokafalang ka nako ya pelegi. Fa a wetsa tekodiso ya gagwe, Dr Rauwe a bolela gore go tla a dirwa phaposi ya ditlhatlhobo kwa Moshupa go babalela maduo a ditlhatlhobo tsa madi le tse dingwe.
Fa ba akgela banni ba motse ba supa boitumelo e bile ba galaletsa baoki ba bone. Mongwe wa banni Mme Kgakgamatso Sekgabetlela a re ene o itumeletse dithuto le ditlamelo tse ba di fiwang kwa kokelong eo, a bua jalo, a tlhalosa fa ba tsiseditswe baoki ba ba lorato le boineelo e bile ba tlotla balwetsi fela thata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : KANYE
Event : Pitso
Date : 25 Sep 2014