Tiro ya diatla konokono - tona
25 Sep 2014
Baithuti ba sekole sa tiro ya diatla sa Moshupa Brigade ba rotloeditswe go dira ka thata mo dithutong tsa bone ka ke tsone di ka ba tlhamelang mebereko morago ga ba di fetsa.
Mo letsatsing la kabo dimpho kwa sekoleng seo ka Laboraro, motshwarelela tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Mokgweetsi Masisi o tlhalositse fa tiro ya diatla e le botlhokwa thata mo nakong eno e lefatshe le nang le mathata a tlhaelo ya ditiro.
O boletse fa puso e dirisa madi a mantsi mo thutong mme go sena dipoelo dipe tse di thusang gore batho ba ka itirela mebereko le go thapa ba bangwe. A re go tlhakanya thuto ya diatla le ya mokwalo go siame fela thata ka ya diatla e betla mebereko.
A re puso e ikaelela go tlhabolola thuto ya tiro ya diatla kwa dikoleng tsa tiro ya diatla gore di nne tsa maemo a a kwa godimo di bo di kgone go phadisanya le tse dingwe tse ditona.
O tsweletse a re mo bogaufing ba ikaelela go shafatsa dikole tseo le go tsenya ditsompelo tsa maemo a a kwa godimo tse di tsamaelanang le thuto ya segompieno, mme e re morago ba batle bagwebi ba ba tona go ipapatsa go tla go tsamaisa dikole tseo.
O boletse fa go na le metse e le mmalwa e e emetseng gore go agiwe dikole tsa mohuta o o ntseng jalo. Tona Masisi o rotloeditse baithuti go nna le botho mo batsading, barutabana le baithuti ka bone gore ba tle ba atlege mo dithutong.
O ba kgothaditse go tlhopha ka makatlanamane mo ditlhophong tse di tlang ka dingwaga tsa bone di supa fa ba setse ba na le boikarabelo. Mogokgo wa sekole seo, Rre Richard Molefe o boletse fa sekole sa gagwe se bone go tshwanela go abela baithuti ba ba dirileng sentle ditlankana go ba tiisa moko.
O boletse fa sekole sa gagwe se ikaelela go simolola dithuto tsa kgwebo le dikhomputara tse di tla tsenang maitseboa go thusa banni ba Moshupa. Rre Molefe a re mo nakong eno sekole se dira dithuto tse tharo e bong tsa go roka, go aga le dikhomputara tse di tsayang ngwaga tse tharo.
O kopile dikompone tse ikemetseng ka nosi go nna ba thapa baithuti ba bone, a bo a rotloetsa banni ba motse go hira baithuti ba sekole seo go ba agela le go ba rokela diaparo. A re ga ba batle go baya sengwe le sengwe mo pusong ka jalo o kopile bagwebi go ikabela sekole sa bone gore ba thusane le puso.
Mookamedi wa thuto mo kgaolong ya Borwa, Mme Maipelo Kesenye o rotloeditse baithuti go tshepa dithuto tsa tiro ya diatla ka gore ba kgona go tla go itirela dikompone ba bo ba thape bangwe ka bone.
A re go roka go botlhokwa thata mo nakong tsa manyalo, dikhwaere le dikole ka go na le dipoelo tse dintsi gonne batho ba batla paka. O rotloeditse banni ba Moshupa go rotloetsa sekole sa bone gore se nne le dipoelo le gone go se etela go thusa ka dikgakololo. O kopile banni go rapelela baithuti gore ba dire sentle mo dithutong tsa bone.
Mongwe yo o kileng a bo a ithuta go roka kwa sekoleng seo, Mme Betty Kophuting o tlhalositse fa go roka go mo file maatla a go itirela botshelo ka lenaneo la banana le ne la mo thusa ka madi go itshimololela kgwebo ya go roka. O ba rotloeditse go ikitaya ka thupana go itirela mebereko ka tiro ya diatla gammogo le go dirisana sentle le barutabana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MOSHUPA
Event : Letsatsi la kabo-dimpho
Date : 25 Sep 2014