Breaking News

Kgosi o akgolela banni go ikanya thapelo

25 Sep 2014

Kgosana ya tetlanyo ya kgotlana ya Maenjane kwa Tutume, Rre Otsile Ketshotseng o akgotse banni ba kgotlana e go bo ba tsena merapelo ka tlhwaafalo.

Mo potsolotsong bosheng, o tlhalositse fa seo se supa popagano le tirisano mmogo mo kgotlaneng ya gagwe mme le fa go ntse jalo Kgosi Ketshotseng o supile fa a santse a le sebete se molangwana ka bangwe ba ba santseng ba goga dinao le go tsena merapelo eo.

O tlhalositse gore Batswana ba tshwanetse go lemoga fa metlha e fetogile ka gonne lefatshe leno le tsweletse ka go lebanwa ke dikgwetlho di tshwana le tlhagogo ya malwetse, dintsho tsa dikotsi tsa tsela ga reng ga tse dingwe.

Ka jalo a re seemo se se tlhoka boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go nna le seabe go lwantsha dikgwetlho tse, a tlatsa ka gore Modimo ke ene botshabelo e bile a ka rarabolola mathata  otlhe a a tlhagogang. O tsweletse a re merapelo e ka tsisa tsholofelo gape e ka sidila maikutlo a ba ba amegang mo dikgwetlhong tse, ka jalo go botlhokwa gore e tsenwe ka tlhwaafalo.

Go sa le foo, Kgosi Ketshotseng a re go na le dikereke tse di ntsi thata mo kgotlaneng mme fela ga a itumedisiwe ke go bona dingwe tsa tsone di ikgogela kwa morago mo tirong e. Mo go tse dingwe, Kgosi Ketshotseng o supile fa a sa itumedisiwe ke dintsa tse di gobeyang mo motseng di sena tlhokomelo ka di ba tshedisa bokete gonne di bolaya leruo segolo jang dipudi le dinku.

A re tshenyo e e bakiwang ke dintsa tse e a ama fela thata ka mo kgweding eno ya Lwetse, ba setse ba kwadisitse palo e feta masome a mabedi ya leruo le le bolailweng ke dintsa tse.

Kgosi Ketshotseng a re se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore dintsa tse ga di bolae pudi kgotsa nku e le nngwe fela di kgona go bolaya dihutshane di feta botlhano.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 25 Sep 2014