Breaking News

Batlhophisi ba rotloediwa go sala molao morago

25 Sep 2014

Batlhophisi mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba ba kopilwe go dira tiro ya bone ka tlhwaafalo, ba setse melao ya tlhopho morago.

Molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Rapetse Mathumo le mokwaledi wa khansele ya kgaolo Rre Charles Amos, ba ntshitse kopo eo mo ithutuntshong e neng e rulagantswe ke ba ofisi e e ikemetseng ka nosi ya ditlhopho, kwa Domboshaba Lodge kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro.

Ba re batlhophisi ba tshwanetse ba netefatsa gore ba tsaya boikarabelo jotlhe le go nna kelotlhoko le pelotelele mmogo le go dira tiro ya bone ka maatlametlo, go hema diphoso tse di ka felelang di bakile mathata.

Rre Mathumo o ne a supa fa tiro ya go tlhophisa e le masisi, ka jalo e tlhokana le go dirwa ka kelelelo. Molaodi o ne a supa fa matshelo a Batswana a tlaabo a le mo diatleng tsa bone, a re ka jalo ba seka ba bo ba letlelela phoso epe go diragala, ka seo se ka duba sengwe le sengwe mme le bone ba felele ba tsene mo mathateng a a seng kana ka sepe.

Rre Mathumo o ne a rotloetsa batlhophisi bao go bala buka ya melawana ya ditlhopho gore e age mo ditlhaloganyong tsa bone, go direla gore sengwe le sengwe se ba se dirang, a bo e le se ba tshwanelwang ke go se dira; se tsamaelana le melawana eo ya ditlhopho.

Fa gatelela dintlha tseo, Rre Amos o ne a kopa batlhophisi go tsaya boikarabelo jo bo kwa godimo, go dira tiro ya bone ba le tlhaga e bile ba sa sekamela ntlheng epe.

A re tshaba ya lefatshe leno e sale e ipeetse seelo sa go tshegetsa ditlhopho tse di tsamaisiwang sentle e bile di gololesegile, ka jalo batlhophisi ba tshwanetse ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go dira tiro ya bone ka botswapelo, ba sa laolwe ke mabaka mangwe a botshelo.

Rre Amos o tsweletse a ba rotloetsa go laola maikutlo a bone, go tsamaelana le tikologo e ba tlaabong ba direla mo go yone. A re ba tshwanetse ba simolola go beela kwa thoko diemo dingwe tse e ka reng ka letsatsi la ditlhopho tsa ba fudua.

A re go dira jalo go ka ba thusa gore ba tle ba kgone go dira tiro ya bone ka botlalo mme ba tile go supiwa ka menwana, a bo a ba gwetlha go tshegetsa melaetsa e ba e amuleng mo ithutuntshong eo, a re go ka nna thona gore e re ba sena go fiwa dithuto tseo, ba bo ba tla ba itirelela fela ba itlhokomolosa melawana ya ditlhopho.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa ofisi ya ditlhopho mo Masunga, Rre Salini Bafaneli le ene o ne a kopa batlhophisi go dira tiro ya bone ka manontlhotlho, a re dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone di seka tsa ba faposa mo maikaelelong a bone.

Rre Bafaneli a re, e re ka jaana bangwe ba bone ba kile ba tlhophisa mo ditlhophong tse di fetileng, fela go a tlhokafala gore ba rutuntshiwe ka jaana go na le diphetogo dingwe tse di nnileng teng morago ga foo.

Batlhophisi ba ne ba itsesiwe gape fa ba tla fiwa sebaka sa go tlhopa kgwedi ya Phalane e le lesome le boferabobedi, mme ba ba ikwadiseditseng ditlhopho kwa kgaolong ya Tati Botlhaba, ba tla tlhophela kwa sekolong sa Shanganani JSS kwa Tsamaya,fa ba ba ikwadiseditseng kwa kgaolong ya Tati Bophirima bone ba tla tlhophela kwa Masunga, kwa diofising tse di kopanetsweng ke maphata, mo ntlong ya diphuthego tsa khansele, mme le ba bangwe fela jalo ba ka ya go tlhophela kwa dikgaolong tse ba ikwadiseditseng kwa go tsone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Ithutontsho

Date : 25 Sep 2014