Etsha 8 o itumelela ISPAAD
24 Sep 2014
Balemi ba Etsha 8 ba itumeletse go tsenyetswa terata ya masimo ka lenaneo la ISPAAD.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, mongwe wa maloko a mokgatlho wa Tshwaragano Rre Johnson Nashwena o supile fa ba le mo boitumelong jo bogolo thata ebile ba solohetse go bona thobo e e kgolo mono ngwaga.
A re e le balemi ba Etsha ba ile ba ikopanya morago ga go utlwa ka lenaneo le ko molemising wa bone mme ba ikatumeletsa go ya go kopa dithuso. “Ga re a ntsha le ha e le thebe, lenaneo le ke e le siameng fela thata ebile re setse re tshwere dilotlele tsa masimo a rona,” Rre Nashwena a supa boitumelo.
O supile fa molemisi wa bone mo kgaolong a ne a ba thusa ka botswapelo, segolo jang fa ba setse ba tlhama molao-motheo wa lekgotla la bone.
Mookamedi wa tsa thobo kwa Gumare Rre Moreetsi Mogolo o buile gore ba simolotse go rulaganya tse di tlhokegang le mokgatlho wa Tshwaragano ka 2008“Tiego e tlile fa balemi ba tshwanetse go tla ka molao-motheo, mme karolo e ke yone e e botlhokwa thata mo lenaneong le ka gore puso e batla batho ba tshwaragana ba dira mmogo. Jaanong molao motheo o tshwanetse wa tsepama, wa itlhalosa ebile o akaretsa maloko otlhe,” ga tlhalosa Rre Mogolo.
A re go setse go na le balemi ba le mmalwa ba ba supang kgatlhego mo lenaneong ebile ba setse ka ikatumeditse fa dikantorong tsa bone. “Re na le balemi ba Xhurube, Sepopa, Etsha 10 le Etsha 5 ba re setseng re bereka le bone,”ga bua Rre Mogolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mercy Sauzoo
Location : GUMARE
Event : Potsolotso
Date : 24 Sep 2014