'Ikgapheng'
24 Sep 2014
Go ikgapha le go ikaga ga banana go kaiwa go le botlhokwa gore ba nne le isago e e eletsegang le gore bomonnabone ba tseye malebela mo go bone.
Kgosi Albert Matlapeng o boletse seo mo potsolotsong gore boitshwaro jwa banana ba malatsi ano le bagolo bangwe bo a tshwenya ebile bo tlhabisa ditlhong ka bo nyenyefatsa setho.
O boletse fa dikgang tsa banana bangwe ba ba ratanang le borre ba ba nyetseng di golela pele ka di nna di sekiwa beke le beke kwa kgotleng. A re banana bao bogolo jang ba basetsana ba thuba malwapa mme seo se ngomola pelo ka bomme ba ba nyetsweng ba sala le bana ba iphotlhere banna ba ile.
O tlhalositse fa bahirisi bale bantsi fela thata kwa Tlokweng mme bontsi jwa bone ele banana ba ba tsenang kwa dikoleng tse dikgolwane jaaka mmadikole le tse dingwe.
Kgosi Matlapeng o ne a supa fa banana bao ba tlotlile go ratana le borre ba bagolwane mo go bone mme gape bana le bakapelo ba bangwe ka fa tlhoko mme seo se bake dintwa tse di felelang di tlisa ditlhalano mo malwapeng.
A re go botlhokwa go bua dikgang tsa go nna jalo ka di a tshwenya ebile di golela pele mme o kare boitsholo joo bo a amogelesega ka gole gantsi ga go buiwe sepe ka jone.
Mogo tse dingwe Kgosi Matlapeng o boletse fa gole botlhokwa gore motse o tshwana le wa Tlokweng ebile gonna le batho ba le bantsi o nne le kokelo e tona le sekole se se golwane go thusa banni botlhe ka ditlamelo.
O boletse fa gole botlhokwa go tlotla ngwao gore e seka ya latlhegelwa ke boleng le gone go babalela mafelo a ditso le ngwao. A re ke moono o montle gobo morafe mongwe le mongwe o nna le letsatsi le o ipelelang ngwao ka lone ka go le botlhokwa gore batho botlhe ba tsenye letsogo go rotloetsa seo.
Kgosi Matlapeng o ne a tlhalosa fa go ikgatholosa le go tlogela ngwao gole diphatsa ka seo se ka bakela setshaba mathata ka ngwao e le yone e okang bajanala ebile ele yone e nonotshang bogosi.
A re le ntswa go beilwe melao e e gagametseng kgatlhanong le leruo seo se kokonela barui ka dikatlholo tsa teng di le kwa godimo mme go tshwetswe ga lebelelwa gore Tlokweng ga go sa tlhole gona le lefatshe le barui ba ka ruelang leruo la bone mogo lone.
O tlhalositse fa go le botlhokwa gore khansele e dire dithulaganyo tsa ditlhabololo e tsenya bogosi mo teng ka go sa dira jalo go dira gore batho ba nyatse bogosi mo dikgannyeng tsa ditlhabololo le lefatshe la bonno.
Kgosi Matlapeng o boletse fa ntwa kgolo e le ya molomo le dithapelo di le botlhokwa go fetola diemo tsotlhe tse di lebaneng sechaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Letshelaphala
Location : TLOKWENG
Event : Potsolotso
Date : 24 Sep 2014