Breaking News

Somarelang tikologo ya Nata

24 Sep 2014

Kgosi Mokgwathi Makgesi a re motse wa Nata ke tsela e bontsi jwa bajanala ba fetang ka yone go ya mafelong a mangwe a bojanala ka jalo go botlhokwa gore tikologo ya one e nne e le phepa.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, o boletse  fa banni ba tshwanetse go ikitaya ka thupana go dira ka gotlhe go lwantsha leswe mo tikologong gammogo le go sala morago tsamaiso e e maleba ya go somarela tikologo.

Kgosi Makgesi o tlhalositse fa ditiro dingwe tse di dirwang di supa fa bangwe ba sena kelelelo le tikologo e ba nnang mo go yone e bile ba itlhokomolositse leswe le le gasameng le tikologo ya motse oo. A re ga a itumedisiwe ke go bona bangwe ba latlhela matlakala gongwe le gongwe ntswa go na le mafelo a a dirilweng go ka latlhela matlakala mo go one. 

O tsweletse a re dikomiti ka go farologana mo motseng di bua kgapetsakgapetsa ka bodiphatsa jwa go latlhela matlakala gongwe le gongwe mme fela kgakololo e e wela fa fatshe.  A re banni ba santse ba dirisa sekgwa se se gaufi le motse e le mafudiso a leruo fa bangwe bone ba se fetotse kwa go latlhelwang matlakala teng.

Kgosi o kgadile boradikonteraka bangwe ba a reng ba latlhela leswe go tswa mo dikagong tse ba di dirang gongwe le gongwe e bile a supa fa bangwe ba setse ba latlhela leswe le le le gopilweng mo matlwaneng a boitiketso mo go sone sekgwa seo.

A re seemo se ga se babalele tikologo fela ka jaana leruo le lone le nna mo diphatseng ka le felela le sela leswe leo jalo a kopa banni go ikitaya ka thupana go eteletsa bophepa kwa pele. 

Go sale foo, Kgosi Makgesi o kopile morafe go nna kelotlhoko ka melelo ya naga e a tlhalosang fa paka e e le yone e ba lebanweng ke kgwetlho ya go tlhagoga ga yone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : NATA

Event : Potsolotso

Date : 24 Sep 2014