Nnang le seabe mo twantshong borukhutli - Kgosi Gaborone
24 Sep 2014
Go botlhokwa gore Batswana ba nne le seabe go thusa puso go lwantsha borukutlhi le maitseo a a makgaphila a gantsi a a dirwang ke banana.
Mothusa kgosi kgolo ya Batlokwa, Rre Michael Gaborone o boletse mo potsolotsong le lekalana la BOPA gore borukhutlhi bo diragala thata mo maitisong kwa bontsi jwa banana ba itontelang majalwa mme e re morago ba tlhoke maitseo.
O tlhalositse fa bontsi jwa borukhutlhi bo dirwa ke batho bangwe ba ba sa berekeng ba ba utswang le go kgothosa batho dithoto tsa bone.
Kgosi Gaborone o boletse gape gore ba tshwenngwa ke dipolao tsa batho mo kgaolong ya bone tse gantsi di amang bomme ba ba bolawang ba tswa maitisong. A re mme bontsi jwa ditlhotlhomiso bo supa fa ba bolawa ke batho ba eseng banni ba Tlokweng.
A re bontsi jwa dipolaano tseo di bakiwa ke gore bangwe ba bomme fa ba tsena kwa maitisong borre ba ba rekela majalwa mme morago ga moo monna o tla a bo a lopa tlhakanelo dikobo e e reng fa wa mme a gana go mmakele loso.
Kgosi Gaborone o kopile setshaba, segolo thata bomme go ikgapha mo go tsamayeng bosigo ka a re ba a bo ba tsenya matshelo a bone mo diphatseng.
Mo go tse dingwe, o supa fa bomme ba sa tlhole ba apara sentle ka jalo go le gantsi ba betelelwa ka ntlha ya kapari e e sa siamang jalo a kopa batsadi go bua le bana ba bone ba basetsana go tlotla mebele ya bone.
O boletse fa banana ba sena tsebe e bile ba sa dumedise bagolo fa ba kopana le bone mo ditseleng le ntswa ka ngwao ya Setswana ngwana a dumedisa bagolo go sa kgathalesege gore o a ba itse kgotsa jang.
O boletse fa moretlwa o tla a simolola go lelela boatleng mo go ba ba sa itsholeng sentle, a supa fa kgang ya gore banana ba na le ditshwanelo e senya bana e bile jaanong e dira gore ba tshele botshelo bo sele ka ga ba kgalemelwe ba re ba a kgokgontshiwa mme seo se dira gore ba tlhoke tsebe.
Kgosi Gaborone o kopile setshaba go nna ba laela fa ba tsamaya, a re ba a tle ba nne le dikgang tse mo go tsone go bolelwang fa motho a nyeletse mme ene a etetse ba masika le ditsala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Letshelaphala
Location : TLOKWENG
Event : Potsolotso
Date : 24 Sep 2014