Breaking News

Tlhophang ka kelotlhoko - Saleshando

24 Sep 2014

Babereki ba kgothaditswe go itseela tshwetso gore mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba ba tlhophe phathi e e nang le maitlamo a a tlhokometseng itsholelo ya bone.

Moeteledipele wa Botswana Congress Party , Rre Dumelang Saleshando  e rile a buisa phuthego ya sepolotiki bosheng kwa Gumare a tlhalosa  fa phathi ya gagwe e kgathala thata ka babereki mme e bile mo maitlamong a yone, ba bone go tlhokafala  gore go nne le lephata la khiro le le tla a bong le itebagantse fela le babereki le matlhoki a bone. 

Rre Saleshando o tlhalositse gore o lemogile fa mathata a babereki a le mantsi, ka jalo phathi ya BCP e bone go le matshwanedi go nna le lephata le le ikemetseng ka nosi le thusa babereki fela.

O tsweletse a re go supa gape fa phathi ya bone e ikemiseditse go tlhokomela babereki ba solofetsa go okeletsa babereki dituelo.  A re fa ba ka tlhopha BCP, ba tla itse gore letlhoko la bone le tla a fela ka ba tla amogela madi a mantsi go lepalepana le botshelo jo bo turang ja malatsi ano.

O tlhalositse gape gore botlhe ba ba sa berekang, phathi ya gagwe e na le maitlamo a go bona gore ba a bereka ka go na le ditiro tse dintsi tse di dirilweng ka dithoto tsa Botswana mme di dirwa kwa mafatsheng a sele, mo go dirang gore batho ba seka ba kgona go bona diphatlha tsa go bereka.

A re phathi ya bone e itlamile go thapa ba ba sa berekeng ka go tlhomamisa gore dithoto tse ba di filweng ke Modimo jaaka kopore le diteemane di sologela lefatshe leno molemo.

O tsweletse a re ba tla tlhomamisa gore ditswa mmung tse di isiwang kwa mafatsheng a sele ke puso e busang, ba tla di bulela mmaraka oo dirang dithoto tse di tshwanang le dipalamenwana, matlalo, dibeke, mabanta, dipatshe gammogo le  ditilo tsa matlalo mme Batswana ba kgone go bona mebereko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GUMARE

Event : Phuthego ya phatlalatsa

Date : 24 Sep 2014