Ndaba o kopela Moruti tlhopho
24 Sep 2014
Mothusa moeteledipele wa phathi ya Umbrella for Democratic Change UDC, Rre Ndaba Gaolathe o gwetlhile batlhophi ba kgaolo ya Okavango go tlhopha Rre Vister Moruti gore a tle go tsholetsa serodumo sa bone.
E rile a rola ntlhopheng oo kwa Shakawe bosheng, Rre Gaolatlhe a bolela fa mo nakong eno serodumo sa banni ba kgaolo ya Okavango se ile tlase ka ntlha ya lehuma le le ba apereng ntswa kgaolo ya bone e humile ditsa tlholego tse ba ka bong ba itshetsa ka tsone.
A re bontle ja ditsa tlholego tse di fitlhelwang mo kgaolong ya bone di tshwana le makgobokgobo a Okavango, lentswe la Tsodilo gareng ga tse dingwe, di ka dirisiwa go tokafatsa matshelo a banni ba Okavango fa tiriso ya tsone e ka busediwa benggae .
Rre Gaolathe a re fa phathi ya gagwe e ka tsaya puso e tsile go busetsa itsholelo ya lefatshe leno mo Batswaneng go na le jaaka go diragala ka puso ya Botswana Democratic Party.
A re gape phathi ya gagwe e tsile go dirisa metsi a noka ya Okavango go dira temo ya nosetso, fa thuto ya dikole tsa diatla yone e tsile go itebaganya le dilo tse di fitlhelwang mo lefelong la kgaolo nngwe le nngwe.
A re seo se ka fedisa letlhoko la ditiro ka ba ka kgona go di itlhamela gore ba itshetse le go tlhabolola kgaolo ya bone.
Mothusa moeteledipele wa UDC o tsweletse a re batlhophi ba Okavango ba seka ba tshamekisa tlhopho ya bone ka go tlhopha baemedi ba diphathi di sele mme ba tseye Rre Moruti ka a itshupile fa ele moemedi wa popota gore a tle go diragatsa mananeo a phathi ya UDC.
E ne yare a kopa tlhopho, Rre Moruti a rotloetsa banni go tla go mo tlhopha gore a tle go rarabolola bothata jwa kgaolo ya Okavango ka a bo itse fa go tshwantshanngwa le baemedi ba diphathi tse dingwe.
A re o dule mo BDP ka go batho ba sena kgololesego ya go ntsha mafatlha a bone, selo se a reng o se ila lebaibai.
Rre Moruti a re kagiso le thokgamo tse di neng di rena kwa Domkrag ga di sa tlhole di le teng ke ka moo go mo paledisitseng go buelela batlhophi ba gagwe.
O kopile batlhophi ba kgaolo eo go mo isa kwa palamenteng ka jaana o tla a bo a gololesegile go ya ka molao motheo wa phathi ya UDC.
O tsweletse a re o utlwisa botlhoko ke gore kgaolo ya Okavango e ne e solofeditswe kago ya borogo kwa Mohembo le go tshelwa sekonotere ga tsela ya Mohembo-Gudigwa mme morago ga ditlhopho ba ne ba bolelelwa fa madi a seyo, ka jalo o batla gore a ye palamenteng go baakanyetsa dilo tseo.
Rre Moruti a re mo nakong eno, banni ba kgaolo ya Okavango ba fetogile batlhoki ka ntlha ya ditlou tse di gobeyang gongwe le gongwe mo kgaolong eo tse di gomagometsang go nyeletsa mohama o mongwe wa itshetso jaaka wa temo ka go ba senyetsa dijalo ngwaga le ngwaga.
A re se se gakgamatsang ke gore, e re ntswa makgobokgobo a Okavango le lentswe la Tsodilo di tlhomilwe matlotlo a a faphegileng, seo ga se tsamaelane le tlhabologo ya matshelo a banni ga mmogo le kgaolo ka kakaretso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimune
Location : SHAKAWE
Event : Phuthego ya phatlalatsa
Date : 24 Sep 2014