Breaking News

Monna o kgwathela go keteka mokapelo

24 Sep 2014

E rile bosheng Rre Tshekiso Tshekiso wa motse wa Tonota a atlholwa dithupa di le tlhano morago ga go bonwa molato wa go keteka mokapelo wa gagwe Mme Chandapiwa Lekhutlile. 

Kgosi Pogiso Sekoko, yo o neng a tsamaisa tsheko o boletse fa e ne yare Phatwe a tlhola malatsi a masome a mabedi, Rre Tshekiso wa dingwaga tse di masome a mararo le bone le Mme Lekhutlile wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano ba tlhoka kutlwisisano mme mosekisiwa a felela a mmeditse ka setilo sa sepora mo tlhogong. 

Rre Tshekiso yo o neng a lebisiwa molato wa go tlhoka go itshwara sentle mo setshabeng o ipone molato mme a kopa lekgotla go mo sekegela tsebe ka a na le ngwana  le mongongoregi mme ele ene a mo tlhokomelang.

Kgosi Sekoko o kaile fa molato oo dirilweng o ka isa motho kgolegelong sebaka se se sa feteng ngwaga mme ka jalo a mo utlwela botlhoko ka go mo atlhola dithupa fela. 

Mo tshekong e nngwe, Rre Mompoloki Mongadi le ene o sekiseditswe go tlhoka go itshwara sentle mo setshabeng morago ga go ketekela Rre Lesego Kebonye bojalwa jwa chibuku. 

Rre Mongadi ga a ka a ipona molato ka a tlhalositse fa Rre Kebonye a ne a fetogela tumalano ya bone ya gore ba amogane bojalwa jwa bone sentle ka a re ba ne ba tlhakanetse madi a go reka bojalwa joo. Kgang e ne ya tshololwa ka mabaka a gore mongongoregi o ne a seka a iponatsa fa pele ga lekgotla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Terry Makgoeng

Location : TONOTA

Event : Tsheko

Date : 24 Sep 2014