Breaking News

Tsayang temo ka tlhoafalo

24 Sep 2014

Molomaganya ditirelo tsa temo thuo mo kgaolong ya Kweneng, Mme Thatayaone Malikoma o gakolotse balemi ba Kweneng Bophirima go tsaya temo ka tlhoafalo ka e ka fetola matshelo a bone. 

E rile a bua mo moletlong wa kabo dietsele tsa balemi ba ba dirileng bontle kwa ditshupong tsa temo thuo tse di neng di tshwaretse kwa Gaborone bosheng, Mme Malikoma a tlhalosa fa mananeo a nyeletso lehuma le la ISPAAD a ka thusa go ogola Batswana mo lehumeng. 

Monongwaga balemi ba le masome a mabedi le bongwe ba Kweneng Bophirima ba bone dietsele ka go farologana go tswa kwa ditshupong tsa temo thuo tsa lefatshe lotlhe  mme ba motse wa Khudumelapye bone ba di goga kwa pele ka dietsele di robabongwe.

A re go fenya seetsele go neela mofenyi le motse seriti  ka jalo a kgothatsa balemi bao go dira  le go feta mo ngwageng ono wa temo. O tsweletse ka go gakolola balemi go tsenelela ditshupo tsa temo thuo go supa thobo ya bone.

Mme Malikoma o supile fa monongwaga thobo e kgaolo ya Kweneng e e boneng e feta selekanyo se ba neng ba se beetswe. O tsweletse a gakolola balemi go tsaya dithuto tse ba di fiwang ke balemisi tsia ka di ka ba ruta go le gontsi go tokafatsa thobo ya bone. 

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, kgosi ya motse oo, Rre Edwin Ramokobetwane o boletse fa go kgatlhisa e bile go itumedisa go bona motse wa gagwe o di goga kwa pele mo go ba ba boneng dietsele kwa ditshupong. 

A re o lebogela balemi le balemisi go bo ba tshegeditse matshego a ga tautona. O supile fa go supagala gore balemi ba tsaya dithuto tsa balemisi ka tlhoafalo.

Kgosi Ramokobetwane o boletse gore temo e ka fetola matshelo a batho ka ba ka nna le thobo e e ka ba jesang le go ba tshetsa jalo a kgothatsa balemi go tswelela ka go tlhagafalela temo. O gakolotse balemi go tlhokomela masimo a bone go simolola ka go a tlhagolela le go a leta go fitlhelela ka nako ya thobo.

Modulasetilo wa komiti ya ditshupo ya kgaolo potlana ya Letlhakeng, Rre Jacob Lebeko o kopile balemi go tsenelela ditshupo tsa temo thuo ngwaga le ngwaga go supa thobo ya bone.

Rre Lebeko o boletse fa maikaelelo a ISPAAD e le gore go ntshiwe dijo gore batho ba kgone go bona se ba se jang. A re o motlotlo go bo balemi ba kgaolo ya gagwe ba dirile ka botswapelo e bile ba fentse dietsele kwa makgaolakgannyeng a ditshupo tsa temo thuo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Moletlo wa kabo dietsele

Date : 24 Sep 2014