Breaking News

Go tsibogela malwetse ka nako go ka thusa

24 Sep 2014

Banni ba motse wa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go tsaya dikgato tse di maleba mabapi le botsogo jwa bone ga mmogo le jwa bana ka go tsibogela dikai tsa malwetse a a itshupang mo mebeleng ya bone gore ba thusiwe nako e sale teng.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Dr Fedile Lumbala o supile fa malwetse  mangwe a le borai fela thata mme a tlhoka go tsibogelwa go sale nako gore a alafiwe a ise a kekele.

O gakolotse banni go tsibogela malwetse segolo jang a itebagantse le jwa go swa mhama, a kaya fa bolwetse joo bo le borai fela thata ka bo bolaya ditshika tsa mmele le go koafatsa mabogo, maoto le dikarolo tse dingwe tsa mmele mme motho a felele a tshela ka bogole botshelo jwa gagwe jotlhe. 

A re bolwetse jo bo tshabelela bana ba ba dingwaga  di ka fa tlase ga lesome le botlhano mme bo ka lemogiwa ka go nna ka mmele o o botlhoko le go nna bokoa ga ditokololo mme fela go botlhokwa go atametsa ngwana kwa kokelong fa go lemogiwa dikai tse gore a tlhatlhobiwe nako e sale teng.

Dr Lumbala a re le mororo bolwetse jo bo sena kalafi ka jaana bana ba ba suleng mhama ba sa kgone go dirisa ditokololo tse di amegileng mme fela gone bo ka thibelwa.

 O gakolotse bommabana go tlhomamisa gore bana ba amogela marothodi le mekento e e sireletsang mo bolwetseng jo le go netefatsa gore ba tshelela mo tikologong e e phepa ka nako tsotlhe ka gonne leswe le baka malwetse a a farologaneng.

O tsweletse a re maikaelelo a puso ke go fedisa bolwetse jwa go swa mhama mo lefatsheng leno mme seo se ka kgonagala fela fa go na le tshwaragano ya setshaba ka go netefatsa gore ba tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone le jwa bana ba bone.

Mooki wa kokelo ya Takatokwane, Mme Bettina Mokhawe o boletse fa tomagano ya baruti le dingaka tsa setso e le botlhokwa fela thata ka jaana Batswana bangwe ba kgona go kopa thuso mo baruting kgotsa dingakeng tsa setso jalo le bone ba tshwanetse go itse le go tlhatlhelelwa ka dikai tsa malwetse a a farologaneng gore ba rotloetse balwetse go ya kokelong fa ba lemoga dikai dingwe tsa bolwetse jo mo go bone ka bo tlhoka go tsibogelwa go sale nako.

 E ne e rile go le pele, kgosi  wa motse oo, Rre Motsiele Tsiane a gakolola morafe wa gagwe go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone ka go tshwanetse gore motho ka bo ene a ikgaphe le go itshireletsa mo malwetseng a a farologaneng gammogo le go ela tlhoko gore ka nako tsotlhe ba itekodisa ba bongaka go bona dithuso.

Kgosi Tsiane o lebogetse tshwaragano le tomagano magareng ga bone le badiri ba kokelo eo gammogo go rulaganya dithuto tsa mofuta o go tsibosa setshaba ka tsa botsogo gore se seka sa nyelediwa ke malwetse ka ntlha ya go tlhoka kitso le thuto ka malwetse a a farologaneng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 Sep 2014