Mdikwe primary e dirile sentle
24 Sep 2014
Batsadi, barutabana le baithuti ba sekole se sebotlana sa Madikwe kwa motseng wa Bobonong ba ne ba keteka moletlo wa go dira sentle ga bana ba lekwalo la bosupa ngogola.
Fa a bua kwa moletlong oo, mookamela matlhabelo a Botswana Meat Commission Dr Akolang Tombale a re o batla go bona batsadi ba na le seabe mo thutong ya bana ba bone eseng go leba dibuka fela.
O boletse fa a kgathala ka thuto ya bana ke sone se a abelang sekole seo thelevision le khumphuthara e le bontlha bongwe ja go lepalepana le maranyane a segompieno.
Mogokgo wa sekole seo, Rre Kelapile Patiko o boletse fa go itumedisa ka go sena bana ba ba duleng mo sekoleng ka ntlha ya boimana.
Le ntswa go le jalo, o boletse fa ba na le kgwetlho ya letlhoko la boroko jwa barutabana gonne sekole se kgonne go fa barutabana ba le lesome boroko mme se se raya gore ba le lesome le boraro ga ba na jone.
A re ba na le tlhaelo ya morutabana wa tsa temo thuo le lefelo la fa ba ka ruelang dikoko gammogo le dipudi teng.
O supile fa batsadi ba sekole seo ba tshwaragane fela thata le barutabana ka mo nakong eno ba nale ditilo tsa dipolaseteke di le dintsi tse di duleng mo batsading. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : BOBONONG
Event : Moletlo wa sekolo
Date : 24 Sep 2014