Mhiti o nkgisanya magwafa le borre
24 Sep 2014
Mme Mositi Mhiti yo o dingwaga di masome mane le boferabobedi a tlholega mo kgotleng yoo Mmualefe kwa Serowe o tlhalosa fa lehuma le se na boswa le gore boipelego bo tla pele.
O boleletse BOPA mo potsolotsong bosheng gore ga go reye gore fa batsadi ba gago ba ne ba tshelela mo lehumeng le wena o tshwanetse go tshelela mo go lone.
A re motho o tshwanetse go tshela ka mofufutso wa phatlha ya gagwe.
Mme Mhiti o inaakantse le kgwebo ya go roka ditlhako, segolo bogolo tsa borampeetshane ka letlalo ga mmogo le go baakanya tse di senyegileng.
O direla mo mmarakeng mo mmolong wa Serowe, selo se asupileng se mo tlotlomatsa e bile se mo kgontsha go bona bareki ka a re bontsi jwa bareki ba gagwe ke ba ba tsileng mabentleleng mme ba kgatlhegele tiro ya gagwe.
O tlhalositse fa tiro e e etumile thata ka go dirwa ke borre mme a re seo ga se mo kgobe marapo ka jaana lorato le bobelotelele mo go yone ke tsone di mo fileng maatla go nkgisanya magwafa le borre mo tirong eo.
O ne a tlhalosa fa a ne a ikopanya le rre mongwe yo e neng e le sekgantshwane sa go roka ditlhako mo Serowe mme a tsaya botsipa le malebela morago a itshimololela kgwebo ya gagwe.
“Kana Setswana sa re dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe,” a bua jalo a tlhalosa fa a simolotse kgwebo ya gagwe ka 1995.
A re ka kgwebo e se ke e tlhoka mathata, o ne a lebanwe ke kgwetlho ya bangwe batho ba ba neng ba sa mo amogele le go mo tsaya tsia mo kgwebong ba re ga a kake a nna le bokgoni jo bo rileng gonne tiro ya teng e ntse e dirwa ke borre.
O tlhalosa fa se se ne sa seka sa mo kgoba marapo ka o ne a se dira e le go mo godisa mo kgwebong eo.
Mme Mhiti o tlhalositse gape fa a ne a gwetlhwa ke gore ne a batla go ipelega ka jaana mo nakong eo a ne a ikaegile thata ka puso go mo fa ditlamelo tsa botshelo.
“Ke ne ke le motlhoki ke phakisiwa dijo ke puso mme mo nakong ya gompieno ke kgona go jesa ba ga etsho ga mmogo le go tsenya bana sekole ka go roka le go baakanya ditlhako,” a bua jalo a tlhalosa fa jaanong e setse e le mogaka wa moroki wa ditlhako e bile le kwa Gaborone a itsege.
A re ka a batla go tlhatlosa madirelo a gagwe e bile o setse a kile a tsenelela thutopuisano ya tiro ya matlalo e e neng e rulagantswe ke ba lephata la temo thuo kwa motseng wa Thabala.
Ka jalo, Mme Mhiti o bile a kgothatsa Batswana ka kakaretso segolo bomme a re ba eme ka dinao go latela metlhala ya khumo gonne e mentsi e tlhoka balati fela.
A re fa mongwe le mongwe a ka ema ka dinao matshelo a ba le bantsi a ka tokafala le puso e ka dira ditlhabololo tse dingwe ka madi a a ka bong a thusa batlhoki.
A re lefatshe leno le amilwe bobe ke letlhoko la mebereko mme seo se ka se itse motho go ipelega. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 24 Sep 2014