Breaking News

Dikgang tsa petelelo di golela pele ko Ghanzi

23 Sep 2014

Mookamela mapodisi Ghantsi, Superintendent Christopher Molob re o tshwengwa thata ke dikgang tsa petelelo tse di golelang pele mo motseng oo tse a tlhalositseng fa go le gantsi di ama banana ba dingwaga tse di magareng ga masome mabedi le masome mararo le botlhano.

Mo potsolosong le BOPA, Supt Molobe o ne tlhalosa fa dipetelelo tseo di diragalela banana ba ba tsamayang masigo ba ya kgotsa ba tswa dibareng mme ebile ba sa patiwa ke ope.

A re ka kgwedi ya Phatwe fela dipalo tsa batho ba ba thubeditsweng di ne di le ko godimo fela thata tlatsa ka gorebontsi jwa tsone di ne di diragala ko maitisong.

Ka go lemosegile fa dikgang tsa thubetso di golela pele ko Ghanzi Sup Molobe o kopile banana go ikgapha mo go tsamaeng masigo ka seo se ka tsenya matshelo bone mo diphatseng le go feta.

O tsweletse rotloetsa banana go fokotsa dinotagi ka seo se baka gore dilalome di nne le sebaka sa go itseela dikobo ka dikgoka motlhofo mo go bone .

Mo dikganyeng tse dingwe a re ba tshwengwa ke bogodu jwa leruo a re batho ba inaakantse le go tsenya tshipi dikgomo tse beng ba tsone ba ise ba di tsenye..

O tsweletse kaya fa ba le mo thulaganyong ya go tlhoma mokgatlho o o tla itebaganyang le go rarabolola dikgang tsa bogodu jwa leruo gore bone ba kgone go itebaganya le dikgang tse dingwe.

Supt Molobe o tlhalositse gape fa go na le dikgang tse dingwe tse di tshwenyang jaaka go thubiwa ga dikoloi le matlo le fa go ntse jalo o tsweletse kopa sechaba go dirisana le mapodisi le ba komiti ya ntebele ke go lebele gore borukhutlhi bo kgone go fokotsega mo Ghanzi.

Supt Molobe o weditse ka go supa fa itumelela thuso e ba e bonang mo mapodising a a itlhaopileng ka jaana tlhalosa fa ba dira tiro ka bokgabane a tlatsa ka gore re baithaopi ba mapodisi ba thusa ka go tsamaya mo motseng ba netefatsa gore ga go na borukhutlhi jo bo diragalang tlhalosa fa gape ba thusa go rutuntsha sechaba ka borukhutlhi le ka mananeo aa teng sepodisi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Dinah Johane

Location : GHANZI

Event : Potsolotso

Date : 23 Sep 2014