Ga-e-golelwe e botlhokwa
23 Sep 2014
Sekole sa thuto ga e golelwe se mosola mo matshelong a batho bogolo jang ba metse e e kgakala le ditlamelo.
Mo potsolotsong le moithuti wa sekole seo kwa Gumare, Rre Babui Batshabeng o boletse fa a ne a sa itse go bala le go kwala leina la gagwe mme e rile a tsena kwa Thuto ga e golelwe a rutiwa jaaka ngwana yo monnye go fitlhelela a tshwara.
A re se se fetotse botshelo jwa gagwe ka jaana mo nakong eno o itse go bala le go kwala.
O tsweletse a re pele a tsena sekole se o ne a tshela ka go tsaya mafisa mo bathong a palelwa ke go batla tiro e tshwana le ya Ipelegeng ka a ne a sa itse go bala le go kwala.
Rre Batshabeng yo o dingwaga di masome mane le botlhano o boletse gore mo nakong eno o setse a na le bokgoni jwa go ipalela le go dirisa mogala wa letheka go romelela ba masika le ditsala melaetsa ntle le thuso epe.
A re o na le dikgomo tse nne mme e bile o kgona go ipalela ditaelo tsa go di kenta fa go tlhokafala.
O boletse fa maikaelelo a gagwe ele go ipona a weditse lekwalo la bosupa a bo a ya go simolola mophato wa ntlha le ba BOCODOL.
A re o itumelela gore sekole se tsena motshegare mme motho o kgona go dira ditiro tsa mo gae mo mosong le mo maitseboeng.
Rre Batshabeng a re o tiisitswe moko ke go bona bagolo ba tsena thuto ga e golelwe ka dipalo tse di kwa godimo.
A re nako e tsile ya gore ba ba tlhokileng lesego kwa dithutong tsa bone ba tsene sekole seo ka thuto e le botlhokwa fela thata mo botshelong jwa gompieno.
A re ga ba rutiwe go bala le go kwala fela mme ba rutiwa gape le ditiro tsa diatla di tshwana le go betla, selo se a reng se mo itumedisa le go feta.
Mme Napemba Masule yo le ene e leng moithuti kwa Thuto ga e golelwe, a re sekole se se mo rutile fela thata ka le ene a ne a sa itse go bala le go kwala mme mo nakong eno a itse le go dirisa khomputhara tota.
A re o etela motlobo wa dibuka wa motse gangwe le gape go dirisa dikhomphuthara.
Mme Napemba a re o lebogela puso go bo e tshwere ka thata go netefatsa gore e diragatsa maitlamo a yone a tebelopele ya go aga tshaba e e rutegileng ka 2016 ka go netefatsa gore bagolo le bone ba akola thuto. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Floridah Batshabeng
Location : GUMARE
Event : Potsolotso
Date : 23 Sep 2014