Breaking News

Balekane ba Botswana ba iteisana borathana

23 Sep 2014

Kgaolo ya Bokone Botlhaba e tsweletse sentle mo go ipaakanyetseng moletlo  wa monongwaga wa boipuso ka jaana e setse e simolotse go tshwara ditiragalo dingwe tse di tlhagolelang tsela moletlo oo wa dingwaga tse di masome a mane le borobabobedi lefatshe leno le ipusa.

Nngwe ya ditiragalo tse di mo lenaneong la kgaolo eo ke ya go iteisana borathana ga batho ba ba tshotsweng ka 1966 mo kgaisanong ya mmabontle le rabontle. 

Dikgaisanyo tse di neng di tsenwe ke borre ba le supa le bomme ba le lesome, di bone Mme Reginah Ramolemane a gapa mma boipuso wa kgaolo ya Bokone Botlhaba mme a itseela P5 000, a longwa serota ke Mme Paulinah Makoni yo o itswetseng ka P3 500, fa maemo a boraro a gapilwe ke Mme Chikadzi Mokgwathi yo o atswitsweng ka P1 500.           

Mo letlhakoreng la rabontle, Rre Mpenya Mpenya o phamotse P5 000 a sena go gapa maemo a ntlha, a latelwa  ke borre Joseph Otukile le Babatshi Masalila ba  ba tsereng maemo a bobedi le a boraro mme le bone ba ikgapele P3 500 le P1 500 ka go latelelana ga bone. Bangwe ba ba neng ba tsene kgaisano eo le bone ga ba itswela fela ka ba phimotswe keledi ka P750 mongwe le mongwe wa bone.

Molomaganya ditiro tsa komiti e e neng e rulaganyetsa dikgaisano tseo, Mme Boipuso Chakane, yo le ene a tshotsweng ka 1966, a re o eletsa fa mowa o montle o, o ka tswelela le mo ditirong tse dingwe tse di rulaganyeditsweng go tshegediwa mo kgaolong.

 O tlhalositse fa bafenyi mo matlhakoreng oo mabedi ba tla emela kgaolo mo dikgaisanyong tsa ngwaga o o tlang, tse mo go tsone ba tla bong ba iteisana borathana le balekane ba bone go tswa mo dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno.

Mme Chekane a re mo kgaisanong eo ya 2015 ya baemedi ba dikgaolo, go tla bo go tlhophiwa ba le lesome ba ba tla nkgisanang magwafa ka 2016 jaaka lefatshe leno le tla bo le goroga kwa tebelopeleng ya lone e bile le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Ipaakanyetso moletlo wa boipuso

Date : 23 Sep 2014