Breaking News

Kereke ke botshabelo

23 Sep 2014

Moruti wa kereke ya Assemblies Of God kwa Ranaka a re kereke e thusa go ntsha batho mo lefifing ka go ba bontsha ditsela tse di siametseng matshelo a bone.

Fa a tlhalosa mo potsolotsong le lekana la dikgang la BOPA, Rre Titose James a re lefoko la Modimo le dira motho sebopiwa se sesha mme e bile  go tsena kereke o rapela le go bala baebele  go ka go thusa mo matshelong a segompieno.

A re bontsi jwa dikereke di na le mekgatlho ya bagolo, banana le bana e e rutang ka botshelo ka kakaretso. 

O tlhalositse fa mo kerekeng ya Assemblies Of God kwa Ranaka banana ba nna ba tshwara dipuisano tse ba rutanang ka malwetse a tshwana le a kankere, sukiri, kgotlholo e tona le mogare wa HIVAIDS. O rotloeditse banana go nna kelotlhoko gammogo le podi matseba go dira dilo tse di siameng ka nako ya bone mme ba seka ba itlhaganelela go dira tse di sa ba lekanang.

A re kereke e tsentse letsogo mo go rotloetseng baithuti go tsaya thuto ka tlhoafalo ka e le yone e ka fetolang matshelo a bone. 

A re ba ba sedimosetsa gape ka go sa siamang ga go dirisa ditagi, go nwa majalwa le go ima mo go sa akanyediwang.

O tsweletse a re kereke eo e setse e kile ya abela ba ba dikobo dikhutshwane diaparo mo motseng mme ba santse ba emetse go dirisanya le ba ofisi ya boipelego go abela bangwe ba batlhoki.

Rre James a re mo kerekeng go na le baletsi ba dikatara le baopedi jalo o rotloetsa banana go nna tlhaga mo go opeleleng Modimo, a re fa ba ka tlhoafala bangwe ba ka felela e le diopedi tsa mmino wa sekeresete tsa lefatshe leno.

A re bangwe ba kereke ba ikemetse ka dinao go ipulela dikgwebo tse dipotlana di tshwana le mabenkele, mo go fokoletsang banni go ya go reka kwa mabenkeleng a matona kwa Kanye. 

A re bangwe ba na le dikompone tse di kwadisitsweng ka fa molaong, mo go ba bayang mo seemong se se siameng go ka bona ditiro tsa go baakanya dikago tsa puso, go aga le go rekisa dibuka.

Moruti James a re e re ka malatsi a go ipelela boipuso a goroga, seabe sa baruti ke go rapelela lefatshe la Botswana gore le tswelele ka go gola ka boitumelo, lorato le kgololesego go sena makgwere ape.

O boletse gore mo letsatsing la go ipelela boipuso  bangwe ba dira dilo tse di duleng mo tseleng jaaka go nwa majalwa le go kgweetsa ba sena diteseletso mo go ka dirang gore ba felele ba bakile dikotsi, mme a re o solofela fa ba sepodisi ba tla dira ka natla go bona gore melaetsa ya go kgweetsa ka pabalesego e a goroga mo go ba ba dirisang ditsela.

A re o solofela le baruti lefatshe ka bophara ba tla rapela thata gore malatsi a go ipela a fele go sena sepe se se bosula se se diragetseng. 

O gakolotse batho go emisa go ya go kopa dithapelo kwa dikerekeng tsa mafatshe a a amilweng ke bolwetse jwa Ebola, gonne go etela mafatshe ao go ka dira gore ba tsenwe ke bolwetse joo mme ba tle go bo anamisa mo Botswana ka bo le motlhofo go fetela mo mothong yo mongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oteng Mae

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 23 Sep 2014