Ba kopilwe go itshireletsa mo bolwetseng jwa Ebola
24 Sep 2014
Banni ba motse wa Charleshill ba kopilwe go itshireletsa thata mo bolwetseng jwa Ebola ka jaana bo sena kalafi mme e bile bo gapa matshelo a batho ka bofefo.
Fa a buisa phuthego ya kgotla mo motseng oo bosheng, Tona Seakgosing o boleletse banni gore ba tshwanetse go obamela ditaelo tsa puso tsa gore ba seka ba tsamaela kwa mafatsheng a amilweng ke bolwetse joo. O tsweletse a re lephata la gagwe le setse le beile baoki mo melelwaneng ya lefatshe leno ka kakaretso go tlhatlhoba batho ba ba tsenang mo lefatshe leno.
Tona o boleletse banni bao fa lephata la botsogo le ama Motswana mongwe le mongwe eseng badiri ba lone fela ka jalo Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao ba tshwaragane le ba botsogo go lwantsha bolwetse jwa Ebola.
A re dipalo tsa batho ba ba bolawang ke bolwetse joo di tlhatlhogela kwa godimo letsatsi le letsatsi ka gore ga bona kalafi mme ba fiwa dipilisi tse di thusang ditlhabi fela ere morago ga beke tse pedi motho a tlhokafale.
O boleletse fa bolwetse jwa Ebola bo tsena mo mothong ka ditsela tse di farologaneng di akaretsa go tshwara motho wa bolwetsi joo, mathe gammogo le go tlhakanela dikobo le ene. T
ona o tsweletse a re Batswana fa ba tlhagisiwa ka bolwetse ga ba bo tseye tsia mme kwa phelelong go baka dintsho tse dintsi jaaka go diragetse ka bolwetse jwa AIDS.
A re Batswana ba ne ba tlhagisiwa thata ka mogare wa HIV/AIDS mme ba tsere sebaka go obamela ditaelo tsa botsogo.
O boletse fa puso e feletse e dirisa madi madi go reka dipilisi tsa diritibatsi tsa HIV/AIDS go leka go thusa ba ba nang le mogare.
A re lephata la gagwe le atolositse dipilisi tsa diritibatsi go isiwa kwa metseng go leka go isa ditlamelo kwa Batswaneng gore ba seka ba di latela kwa dipateleng tse ditona fela. Le fa gontse jalo, o tlhalositse gore mo malatsing ano Batswana ba ba amilweng ke bolwetse joo, ba tseela dipilisi tseo segautshwane.
Tona o tlhaloseditse banni fa dipalo tsa bolwetse jwa kgotlholo e tona di le kwa godimo mo kgaolong ya Ghanzi mme ditlhotlhomiso di supa fa balwetse ba go nna jalo ba sa tseye kalafi ya bone sentle.
O ba kopile go lesa go nwa dipilisi ka bojalwa a re go dira jalo go tshwana le fa motho a sa nwe dipilisi.
A re dipilisi tsa kgotlholo e tona, ga di nwelwe mo tlaleng.
O ba gakolotse go obamela taelo tsa baoki ka dinako tsotlhe fa ba lwala.
E rile ba akgela, banni ba kopa tona gore kokelwana ya bone e bulwe bosigo le motshegare ka gore ga ba kgone go bona thuso sentle fa ba tsena teng bosigo.
Banni ba ngongoregile gape ka tlhaelo ya dikoloi tsa kokelwana ba bolela gore fa go na le molwetse yo o tshwanetseng go isiwa kwa sepateleng sa Ghanzi ba diega ka gore koloi eo gongwe e setse e isitse balwetse kwa Ghanzi mo go rayang gore molwetse yoo o emela koloi eo.
Ba kopile tona gore dingaka tsa malwetse a faphegileng di bonele balwetse mo Ghanzi go na le go isiwa kwa Gaborone segolo thata bagolo.
E rile a araba dilelo tsa bone a tlhalosetsa banni fa go simolola ka Phatwe kokelwana ya bone e tla bulwa bosigo le motshegare. Mabapi le tlhaelo ya boroko jwa baoki, o tlhalositse fa motse wa Charleshill o tla agelwa matlo a supa a baoki mogodimo ga moo kokelwana ya bone le yone e tsile go atolosiwa.
Tona o boleletse banni fa dikokelwana tsa lefatshe leno di tsile go tlhatlhosiwa maemo ka gore dipalo tsa batho di setse di fetile dikokelwana tseo.
A re o tla ya go buisana le ba lephata la gagwe gore bagolo ba bone di ngaka tse di faphegileng mo metseng ya bone jaaka Ghanzi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Sep 2014