Popagano ya boloko kononkono
23 Sep 2014
Mothusa tona mo ofising ya ga tautona, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri o gwetlhile baeteledipele ba dikereke go lwela tshwaragano ya boloko jwa dikereke ka maiteko a go fokotsa go runya ga tsone.
E rile a ntsha lefoko la kgakololo kwa pulo semmusong ya kereke ya Apostolic Faith Church kwa Magokotsane mo Molepolole, mothusa tona a supa fa tshwaragano ya boeteledipele e ka thusa go bona kwa modi wa bothata jwa se se bakang makgamu a dikereke o tswang teng le gone go batla maano a ka fa go ka lwantshiwang seemo se ka teng.
A re o lemoga fa seemo sa kgolo ya dikereke se bakiwa ke makgamu a tsweletseng ka go runya, ka jalo se se gwetlha boikarabelo jwa lekgotla le tshwana la baruti go thulanya ditlhogo ka maikaelelo a go tswa ka tharabololo.
O tsweletse a re puso e tshwenngwa thata ke seemo seo ka jaanong batho ba tswa mo dikerekeng go ikemela go na le go kgatlhegela go tsena mo go tse di teng, ntlha e tlhobaetsang gore a gongwe maikaelelo ese go fapoga moono wa se tota kereke e tshwanetseng go nna sone.
Mothusa tona o gwetlhile boeteledipele jwa dikereke go ema ka dinao go tswa ka maano a ka fa bothata joo bo ka fenngwang ka teng gore dikereke di kgone go fitlhelela moono wa go bopa setshaba se se tshwaraganeng.
O iteetse legofi maitlamo a a tsepameng a kereke ya Apostolic Faith Church a go aga kago ya go obama , a re seo se supa maitlamo ka se kereke e ikaelelang go se fitlhelela ka go nna le kago kgatlhanong le thulaganyo ya dikereke dingwe tse di obamelang ka fa tlase ga ditlhare.
Le fa go ntse jalo, Rre Matlhabaphiri a re go nna teng ga dikereke ke selo se se amogelesegang fela fa thulaganyo e dirilwe ka fa tshwanelong ka jaana di na le seabe se segolo mo go ageng setshaba.
Mothusa tona o abetse ba Apostolic Faith Church P3000 go ba thusa go wetsa bontlha bongwe jwa dikago tsa kereke eo.
Mo mafokong a kamogelo, kgosi kgolo ya Bakwena Kgosi Kgari Sechele111 o lebogetse maiteko a dikereke a tshwana le ya AFC a bolela fa di ka thusa go nna le seabe mo go femeng kgolo ya botlhoka tsebe jwa banana ka gongwe palo e rileng e ka iphitlhela e sokologetse mo tseleng ya Modimo gore mewa ya bone e bolokesege.
Kereke eo e agilwe ka madi a fetang P500 000 e butswe semmuso ke moeteledipele wa pele wa diphuthego tsa Apostolic Faith Church mo Botswana , Reverend Osias Kalundu yo a gateletseng botlhokwa ja go bona kereke e gatetse pele ka go godisa boloko le go diragatsa maitlamo a kago eo.
Mookamedi wa diphuthego tseo mo Botswana Reverend Petros Ntonda o iteetse kobo moroko mafoko a ga Rre Matlhabaphiri ka go supa fa tshwaragano mo dikerekeng ele konokono ka jaana e ka bopa le go supa tlhoafalo mo maitekong a dikereke go agela tshaba ya lefatshe leno mo tshiamong go na le go faposiwa ke dintwa tsa boeteledipele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Pulo semmuso ya kereke
Date : 23 Sep 2014