Bagwebi ba lela ka letlhoko la metsi
23 Sep 2014
Bagwebi ba ba rekisetsang mo mmarakeng wa motse wa Serowe ba bolela fa ba sa itumedisiwe ke go sa gokelelweng metsi mo mmarakeng oo.
Ba ntshitse matshwenyego ao mo puisanong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, ba tlhalosa fa selo se, se ba kgoreletsa go tsamaisa dikgwebo tsa bone le gone go dira ditiro tsa tsatsi le letsatsi ka thelelo.
Ba tsweletse ba tlhalosa fa metsi e le selo sa botlhokwa fela thata se motho a ka se kgoneng go tshela ntleng le one ka jalo ba kopa gore khansele e tsibogele seemo se gonne se ka baya botsogo jwa bone ka fa mosing.
Ba boletse fa ba tlamega go tla ba geletse metsi kwa malwapeng a bone, selo se ba kaileng se ba imetsa morwalo o o seng kanaka sepe segolo bogolo ka bangwe ba bone ba dirisa dipagamo tsa setshaba go tla madirelong a bone.
Bagwebi bao ba bile ba kopa khansele go tlhwaela selelo sa bone tsebe ka go ba gokelela metsi.
Ba re mogwebi mongwe le mongwe o ka direlwa karata e a tla e dirisang go nwa metsi ka yone gore mongwe le mongwe a kgone go a somarela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : SEROWE
Event : Puisano
Date : 23 Sep 2014