Ba Ncojane ba agile motse wa ngwao
24 Sep 2014
Komiti ya batsadi le barutabana ya sekole se se botlana sa Ncojane e bone gole botlhokwa go dira motse wa ngwao mo sekoleng seo go leka go ruta bana ka ngwao ya bone ga mmogo le tse dingwe tse di farologaneng tsa lefatshe leno.
Mo potsolotsong le lekalana la BOPA bosheng, mogokgo wa sekole se se botlana sa Ncojane, Rre Shime Brown o boletse fa ngwao e le botlhokwa fela thata mo baneng e bile e ka ba aga.
Rre Brown a tlhalositse fa ba setse ba tshwaretse lenyalo la Setswana mo lefelong leo go leka go ruta bana ba sekole gore lenyalo le dirwa jang le gone le ka ba sologela molemo jang mo isagong.
O tsweletse a supa fa a itumeletse ka fa batho ba Ncojane ba tshwaraganeng ka teng ka ba kgona go dira mmogo, a supa fa dikgosana tsa motse di kgonne go thusa ka madi le go ntsha dikoloi tse di neng di thusa mo kagong ya lefelo leo.
O tlhalositse fa ba ikaelela go dira botsetsi mo lefelong leo ka maikaelelo a go ruta bana ngwao ya Setswana mme a supa fa bana ba itumelela dithuto tse ba di fiwang kwa lefelong leo.
Leloko la komiti ya batsadi le barutabana, Rre Belemena Lesetlhe o supile fa motse wa ngwao mo kgaolong ya bone o tla a ba n gokela bajanala ka gantsi ba ralala kgaolo ya Kgalagadi fa ba ya kwa Namibia.
Rre Lesetlhe o tlhalositse gape fa motse wa Ncojane o itsiwe ka mmino wa setapa ka jalo lefelo leo le tla a dirisiwa go ruta bana mmino oo.
O tsweletse a supa fa ba ikaelela go atolosa lefelo leo ka go tsisa dithuto ka ngwao ya merafe e mengwe e e santseng e tshegeditse ngwao ya yone jaaka wa Bakgatla, Balete le Bangwato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samokunda
Location : GHANZI
Event : Potsolotso
Date : 24 Sep 2014