Lenaneo la nyeletso lehuma le tla a thusa ka dipodi
22 Sep 2014
Lenaneo la nyeletso lehuma ka fa tlase ga lephata la temo thuo le tla a reka dipodi ka lenaneo la LIMID go di neela baikopedi .
Fa a buisa diphuthego kwa Shakwe le Taupye bosheng, mothusa tona wa temo-thuo, Rre Oreeditse Molebatsi o tlhalositse fa puso e tsere tshwetso go reka dipodi tsa lenaneo go fefosa gore ba ba thusiwang go inamola mo lehumeng ba di bone ka bonako.
O boletse fa lenaneo leo le ntse le le bonya kgang kgolo e le gore batho ba ne ba sa kgone go bona dipodi tse ba di batlang. O tsweletse a re lephata la temo-thuo le tla bolela gore dipodi di tla rekwa leng mo kgotleng mme Motswana mongwe le mongwe yo o nang le dipodi tse di rekisiwang o ka di isa kwa kgotleng ka nako e tla bong e beilwe.
A re lephata le tla di reka mme di fiwe ba ba di kopileng. O tlhalositse gore pele, moikopedi o ne a fiwa maikarabelo a go ipatlela dipodi mme go tsenya bangwe dingalo ka jalo go ba baya ka fa mosing. O boletse gore jaanong ka lephata le reka dipodi beng ba leruo ba tla bona dikatso tsa bone ka nako.
Rre Molebatsi o kopile Batswana gore nako e ba lephata la temo thuo ba bapatsang go reka leruo mo metseng ka go farologana, ba iketleetse go le isa kwa kgotleng. O boletse gore morago ga go rekwa, leruo leo e tla nna maikarabelo a molemisi go le tlhokomela mme go rafelwe ba lenaneo mo go lone.
Rre Molebatsi o kopile banana go dirisa mananeo ka botlalo gore ba kgone go intsha mo lehumeng. A re mono ngwaga balemi ba tla a fiwa peo ya mmoulo, ba lemelwe, ba tlhagolelwe, ba bo ba agelelwe masimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Sep 2014