Breaking News

Go rapelela pula ke mogopolo o montle

22 Sep 2014

Batalaote kwa Mmutlane mo kgaolong ya Shoshong ba lebogetse Tautona Lt Gen.l Seretse Khama Ian Khama go tswa ka mogopolo wa go kopa Batswana go rapelela pula mo letsemeng le le fetileng. 

Kgosi Loomatsoga Gaogane wa Mmutlane, yo eleng ene a duleng ka mogopolo wa go rulaganyetsa letsatsi la merapelo le kabo dimpho, go leboga dipula tse di dikileng di tsorotlile mo dikgaolong tsa lefatshe leno, o boletse fa gole matshwanedi gore Batswana ba akgole tautona le go  leboga Modimo ka dipula tse di dikileng di phaitse ngogola.

Kgosi Gaogane a re go mo maduring a Batswana go tswelela ka merapelo le malebo ngwaga le ngwaga morago ga letsema go itumelela thobo e ba e boneng.  A re fa Batswana ba ka tsosolosa ngwao ya go rapelela pula le go lema masimo a masotla, lefatshe leno le ka kgona go ntsha dijo tse di lekaneng tse e bileng di ka thusa batho ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

A re ele Batswana ba tshwanetse go itumelela dithuso tse puso e ba thusang ka tsone ditshwana le lenaneo la ISPAAD, le ka lone ba lemelwang tema tse tlhano mahala, go ba phakisa menontshane, dipeo le go ba thusa ka melemo e lwantshang diji le mhero.

Kgosi Gaogane o kopile barui ba dikgomo go tlhokomela leruo la bone gore le seka la senyetsa ba bangwe dijwalo mo masimo, ka a  re go dira jalo ke go busetsa kwa morago maiteko a mmuso a go namola Batswana mo lehumeng.

Mo letsatsing leo, le le neng le tshwaretswe mo kgotleng ya Mmutlane, batho ba ne ba ipela ka dijo tsa Setswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Moletlo wa go lebogela pula le thobo

Date : 22 Sep 2014