Breaking News

Basaitho ba tsaya malebela kwa Lobatse

22 Sep 2014

Le ntswa lefatshe la Lesotho le na le lenaneo la le tsepameng la HIV/AIDS, ga le ise le supe sentle dintlha tse di amang bong mo go lone ka jalo bagolwane go tswa  kwa lefatsheng leo ba tsile mo lefatsheng leno go tsaya malebela mo dikgannyeng tse di amanang le bong mo lenaneong la HIV/AIDS.

Komiti ya kgaolo ya Lobatse e e lebaganeng le bong  e  nale lebaka  e ntse e dira sentle mo  mo dikgannyeng tse di amanang le bong ka jalo lekoko le le tswang Lesotho le bone go tshwanela gore  le etele komiti eo go ithuta mo go yone.

Komiti e ya Lobatse e nale dingwaga di feta bobedi e tsaya maemo a ntlha mo dikgannyeng tsa bong gammogo le go emela lefatshe leno mo kgaolong eno.

Mogolwane go tswa Lesotho, Rre Maletsane Nkgaba o boleletse komiti gore lefatshe la bone le santse le na le mathata a dikgetse tse di sha tsa batho ba ba tsenwang ke mogare segolo jang bomme.

Rre Nkgaba  a re jaaka ba itse fa lefatshe leno ele lengwe la  a a palo potlana mo Aferika  a lwang ntwa kgatlhanong le HIV/AIDS, lefatshe la bone le tsile go ithuta mo go lone.

Mogolwane yo mongwe go tswa kwa Lesotho, Rre Tshilisehang Tsunyane a re lefatshe la Lesotho le na le dilo di le dintsi tse le tshwanetseng go itebaganya le tsone tebang le bong gonne bontsi jwa bomme ba iphitlhela ba belegela mo malwapeng ba sena thotloetso go tswa mo banneng ba bone. A re borre ba santse ba saletse morago go tlhaloganya dikgang tsa bong ka jalo lenaneo le le nang le dikgang tsa bong tse di tsepameng le ka thusa lefatshe la bone go kgona go ya pele le gone go fitlhelela Millennium Development Goals.

O tsweletse a re le fa ntswa bomme ba fiwa sebaka sa go  nna le maemo mo pusong, ga ba fiwe  tsotlhe tse di ka ba thusang go dira ka botswerere mo maemong ao ka jalo seo se utlwisa bomme ba le bantsi botlhoko gammogo le ba ba amogelang ditirelo go tswa mo go bone.

Rre Tsunyane a re  ka jalo ba ikaelela go ithuta mo lefatsheng leno le go ya go diragatsa tsotlhe tse ba di amuleng ka dikgang tsa bong le HIV/AIDS.

Mokwaledi wa komiti ya kgaolo ya Lobatse ya bong, Mme Kutlo Mophalane a re komiti ya gagwe e dirile go le gontsi go nonotsha basadi le go akaretsa seabe sa borre segolo jang mo lenaneong la  komiti la ngwaga le ngwaga.

Mme Mophalane a re komiti e lemogile fa bomme e le bone ba amiwang thata ke lehuma mo go dirang gore ba amiwe ke mogare le go feta. A re ka jalo komiti e ne ya tswa ka lenaneo la go nonotsha basadi gore ba kgone go ikemela ka nosi go itshetsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : LOBATSE

Event : Loeto la go tsaya malebela

Date : 22 Sep 2014