Serowe o tsosolosa dikago tsa Thataganyane
22 Sep 2014
Tona wa tsa itshereletso, molao le thokgamo Rre Ramadeluka Seretse o kopile komiti e e tsamaisang tsosoloso ya dikago tsa kereke ya UCCSA-Thataganyane go ikopanya le puso gore batle ba kgone go dira maikaelelo a bone.
Tona Seretse o buile mafoko a kwa moletlong wa tshimolodiso ya tsosoloso ya dikago tsa kereke ya UCCSA-Thataganyane mo Serowe ka mafelo a beke. Kereke ya UCCSA mo kgotleng ya Thataganyane e nale ditso fela tse di ntsi, tse di ka solegelang setshaba le morafe wa Bangwato mosola.
E rile a tlhalosa Rre Seretse a kopa gore komiti eo e ka kgona fela fa e kopana le puso go kgona go rarabolola dikgwetlho tshotslhe kgotsa go rarabolola tsotlhe tse di tlhokanang le tharabologo. Rre Seretse a re lefelo la kereke ya UCCSA - Thatagane le nale ditso tse di ka tsisang bajanala mo Serowe le mo Botswana mme ka jalo lefatshe la akola.
A re go tshegetsa ngwao ke selo se se mosola fela thata mo setshabeng ka e bile lefelo le, le supa fa ngwao ya Bagwato e santse e tshela mme e bile e tlhoka go sirelediwa fela thata.
O kopile komiti ya UCCSA-Thataganyane go ikopanya le lephata le le lebaneng go bona gore lefelo le ka somarelwa jang le go ka tlhabololwa fa kae e se re gongwe ngwao ya tsamaela ruri le ditlhabololo.
O ne a tlhalosa gore kereke e ya UCCSA- Thataganyane ke nngwe ya dikereke tsa bogololo kgotsa tsa ntlha mo Serowe mme se se supa kamanyo ya morafe wa Bangwato le Modimo le kwaba tswang teng ka sekeresete.
O ne a kopa ba kereke eo go nna fa fatshe go ikakanya tota tota gore b aka batla go dirang ka lefelo leo, ba seka ba tsaya ditshwetso fela ba itlhaganetse batloge ba fedise se lefelo leo le se emetseng.
Le fa go ntse jalo, Tona Seretse o ne a a tlhalosa fa a sa itumedisiwa ke go tlhoka go tsenelela moletlo oo ke banana le diphuthego dingwe tsa dikereke.
Rre Seretse a re banana segolo jang bone baka bo ba ne ba tseneletse moletlo yoo ka dipalo tse di kwa godimo gore ba kgone go itse go le gontsi ka ngwao ya bone.
A re gore setlhare se ungwe maungo a a siameng se tshwaneste go simolala fela kwa tlase se tlhokomelwa, ka jalo ngwao le yone e tshwanetse go simologa mo bananeng gore batle ba itshegetse mme kamoso e ba solegele mosola.
E rile a tswa la gagwe motswharelela bogosi jwa Bangwato Kgosi Sidiegeng Kgamane a tlhalosa fa lefelo le la UCCSA-Thataganyane le nale ditso fela tse dintsi tse di simologang ka dingwga tsa bo 1923. O nea lebogela ba kereke ya UCCSA go bo ba bone go lemosola go tsosolosa lefelo le gore batho le ba le itse le ditso tse di mo go lone.
Mme le ene fela jalo o ne a kopa komiti go dirisanya le lephata le le tshwanetseng go bona gore le ka tlhabololwa jang gore ngwao le ditso tse di mo go lone di seka tsa nyelela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Tshimolodiso ya dikago
Date : 22 Sep 2014