Banana ba Kgatleng ba tsolosa ngwao
22 Sep 2014
Go bolelwa fa bontsi jwa Batswana ba latlhile ngwao ya bone mme ba itepatepantse le tsa mafatshe a sele, segolo thata ya makgoa.
Fa a bua kwa letsatsing la go tsosolosa ngwao le go ipelela peo ya kgosi kgolo ya bone, mongwe wa bagolo kwa Mochudi, Rre Moagi Molebatsi o tlhalositse fa ba bone go tshwanela go keteka letsatsi la go nna jalo ka ele nako e mo go yone Kgosi Kgafela Kgafela II a neng a tlhomiwa mo setilong sa bogosi ka 2008.
O tsweletse a tlhalosa fa letsatsi leo ele go supa ngwao ya bone le ditalente tse di farologaneng tse Bakgatla ba nang le tsone gore ba di amogane le banana. A re se se mo itumedisang le go feta ke gore banana bangwe ba Bakgatla ke bone ba duleng ka moono oo.
Rre Molebatsi o gwetlhile morafe wa Bakgatla go ema ka dinao go sireletsa ngwao ya bone. A re Bakgatla ba tshwanetse go itlhaloganya mme e bile keletso ya bone ke go dira moletlong wa go nna jaana ngwaga le ngwaga. O ba gwetlhile gore mo nakong e e tlang fa ba dira moletlo oo, ba tle ka megopolo e e farologaneng go godisa le go natefisa letsatsi leo.
Fa a tswa la gagwe, Rre Moswetsi o kopile morafe wa Bakgatla go tshwaragana gore ope a seka a gogela go sele, a tlhalosa fa ba bone go le maleba go nna le moletlo wa go nna jalo le ntswa kgosi kgolo ya bone a seyo. O tlhalositse fa dikgogakgogano di sa age morafe mme di baka dintwa.
O tsweletse a re lefatshe leno ke la kagiso ke sone se go iseng go nne le dintwa mo go lone. A re ba tla tswelela ba bua le ba ba lebaneng gore kgosi ya bone e boele mo kgotleng ya bone mme ba tla nna pelotelele go fitlhelela sengwe le sengwe se boela mannong.
O kopile banana gore mo nakong e e tlang e nne bone ba ba di gogang kwa pele mo moletlong oo, ele tsela ya go ba ruta ka ngwao ya bone gore e seka ya nyelela.
Rre Moswetsi o tlhalositse fa bontsi jwa Bakgatla ba sa iponatsa kwa moletlong oo mme a supa fa a kile a lekola bangwe mo motseng ba mo tlhalosetsa fa ba le mo manyalong, mme a re o solofela gore mo nakong e e tlang ba tla iketleetsa ka makatlanamane.
Kwa letsatsing leo, Bakgatla ba ne ba ipela ka metshameko ya ngwao, ba rekisa dijo tsa Setswana, go na le dikhwaere gammogo le go palama dipitse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Letsatsi la go tsosolosa ngwao
Date : 22 Sep 2014