Breaking News

Sorinyana o kopa go tlhophiwa

22 Sep 2014

Batlhophi ba kgaolo ya Ramotswa ba kopilwe go tlhopha, Rre Tshekiso Sorinyana, yo o ikemetseng ka nosi mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba.

Fa a rolela batlhophi ba kgaolo ntlhopheng yoo bosheng, ntlhopheng  yo o  ikemetseng ka nosi wa kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, Maj. Gen. Moeng Pheto o ba kopile gore ba  seka ba tsiediwa ke mafoko a gore Rre Sorinyana o bidiwa mokoko mme ba lemoge  fa a ka kgona go ba buelela kwa palamenteng a sa  mpampetsa gonne bonatla jwa gagwe bo itshupile mo khanseleng.

O kopile batlhophi go diragatsa  tshwanelo ya bone ya go tlhopha yo ba mo ratang,  a bo a tlhalosa fa go tlhopha Rre Sorinyana go tla a nonotsha puso ya batho ka batho mo lefatsheng leno.  

A re Rre Sorinyana o tla a buelela babereki le gone go ntsha lentswe la gore ba reediwa. O tlhalositse gape fa a tla a sala lenaneo la ditlhabololo morago go na le jaaka go diragala mo pusong ya nako eno.    

E rile a amogela thomo, Rre Tshekiso Sorinyana a  kopa  batlhophi go mo tlhopha ka  dipalo tse dintsi  tse di tla a mo kgontshang go ya palamenteng ka motlhala wa gagwe o    bonala ka ditiro tse a di ba diretseng a le kwa khanseleng.

A re banni ba kgaolo ya Ramotswa North Central ba simolotse go akola ditirelo tsa khansele a sena go nna mokhanselara wa kgaolo eo. A re bokgoni jwa gagwe  bo dirile gore a tshepiwe ke badiri ka ene jaaka ba  ne  ba  mo tlhopha go nna  modulasetilo wa  khansele ya

Borwa Botlhaba le gone go kopiwa thuso ke banni ba  kgaolo ya ga Malete ka kakaretso. Rre Sorinyana o supile fa  a na  le  megopolo e e  nonofileng  ka kgaolo ya ga  Malete  jaaka go aga  mmolo le gone go isa ditlhabololo tsa metsi le motlakase kwa kgotleng  ya Disana.

O boletse fa a kgatlhegela go tlhabolola tsela ya Boatle/Ramotswa gore e seka ya fekeediwa ke dikoloi fa go sena go agiwa borogo jwa molelwane wa Ramotswa le Aferika Borwa.

Le fa go ntse jalo, o boletse fa a ka kgona tse tsotlhe fa a ka tlhophiwa le makhanselara a gagwe. Rre Sorinyana o supile fa kgaolo ya Borwa Botlhaba e tswa kgakala e tlhoka   boeteledipele, a re ke sone se e senang ditlhabololo, jalo a supa fa a tla a tsibogela ditlhabololo le gone go dirisana le bogogi jwa motse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Phuthego ya sepolotiki

Date : 22 Sep 2014