Maeze o itlama go nyadisa bagodi ba Seronga
22 Sep 2014
Moemela kgosi kwa Seronga, Kgosi Maeze Maeze o kgadile mowa wa bagodi ba ba nnang mmogo lebaka le le leele ba sa nyalana ka a re go isa seriti sa bone ga mmogo le bana ba bone kwa tlase, bogolo jang fa go tla mo mererong ya tsa manyalo.
E rile a bua mo potsolotsong, a bolela fa maikaelelo a gagwe e le go thusa bagodi botlhe ba kgaolo ya gagwe ba ba sa nyalanang ka ntata ya go tlhoka madi a go dira mekete ka go ba rekela dijo tsa mokete.
Kgosi Maeze a re o santse a dira thulaganyo le ba ba amegang mme fa e ka wela o tla a kopanya botlhe mo kgotleng go bo go dirwa mokete o motona go leka go rarabolola bothata jwa go tlhoka go nyalana ga batsadi ka jaana bangwe ba tsaya gore lenyalo ke dijo ntswa go sa nna jalo.
O akgoletse banana ba metse ya Seronga, Beetsha, Gudigwa, Gunotsoga le Mogotlho go bo ba nyalane ka dipalo tse di botoka monongwaga fa go tshwantshanngwa le dingwaga tse di fetileng.
A re go tloga ka Mopitlo go fitlha ka Lwetse a tlhola malatsi a le lesome le botlhano, go nyalane batho ba le masome a mabedi le bobedi fa mo dingwageng tse di fetileng ba ne ba le kwa tlase ga lesome.
O rotloeditse banana ba bangwe go tsaya malebela mo balekaneng ba bone go leka go iphaposa mo diphatseng di akaretsa go tsenwa ke bolwetse jwa HIV/ AIDS le dipolaano tsa baratani.
Mo go tse dingwe, Kgosi Maeze o kgothaditse banni ba kgaolo ya gagwe go dirisa dipula tsa ntlha go lema gore ba kgone go bona thobo e e nametsang.
A re banni ga ba a tshwanela go kgobiwa marapo ke ditlou tse di ba senyetsang ngwaga le ngwaga ka go ja dijwalo tsa bone mo masimong ka jaana temo e le yone isago ya bone.
O tsweletse a re batho ga ba a tshwanela go ikaega ka thulaganyo ya Ipelegeng fela ka ele ya nakwana mme ba ka ikaega ka temo-thuo.
O ba gakolotse gore ba seka ba phuaganya masimo morago ga temo mme a ba kopa gore ba a lete go kganela diji tse di ka ba senyetsang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimure
Location : SERONGA
Event : Potsolotso
Date : 22 Sep 2014