Breaking News

Tiriso ya metsi a a leswe e ka solegela dikole molemo

22 Sep 2014

Ba lephata la thuto ba rotloeditswe go anamisa lenaneo la tiriso ya metsi a a leswe la Grey Water mo dikoleng ka le ka ba thusa go somarela metsi.

Mothusa mokwaledi wa lephata la meepo, kgotetso le metsi, Rre Macheng Macheng o buile jaana fa a ne a rolela ba lephata la thuto mmogo le sekole sa Motsumi JSS lenaneo la Grey Water kwa Letlhakane bosheng.

Rre Macheng a re  ba tshwenngwa ke tlhaelo ya metsi mo lefatsheng leno ka ntata ya dipula tse di boutsana. 

Le fa go ntse jalo, a re tshenyo ya metsi  e kwa godimo mo dikoleng le mo makalaneng a mangwe, a tlatsa ka go re Botswana jaaka lefatshe le le tlhabologang, le tlhokana le metsi a mantsi go dira ditlhabololo.

O supile fa lenaneo la Grey Water la sekole se segolwane sa Motsumi le weditswe  ka 2011, e le tsela nngwe ya go fokotsa tiriso ya metsi a a phepa.

Rre Macheng a re gore ba kgone go ntsha metsi a a lekaneng go tlhoka gore ba lephata la metsi ba eme ka dinao, mmogo le kemo nokeng ya ba-na-le seabe botlhe le setshaba ka kakaretso, a tlatsa ka gore selekanyo sa metsi a a tlhokegang ke 221 million cubic metres ka ngwaga, se go solofetsweng gore se ye kwa godimo ka 225 million cubic metres ka 2016.

O ne a rotloetsa dikole tse dingwe go tsaya malebela mo lenaneong la sekole sa Motsumi la Grey Water, le ka lone ba ka fokotsang madimadi a ba a dirisang go duela metsi mo dikoleng.

Rre Macheng a re ga ba a dira lenaneo la go tlhatswa metsi a a leswe fela mo Motsumi, mme ba dirile le lenaneo la go somarela metsi a pula kwa sekoleng sa Our Lady kwa Fracistown, Shoshong le kwa lephateng la metsi kwa Gaborone le mo mafelong a mangwe.

A re lephata la thuto le tlhabololo dikitso jaaka badirisi ba metsi, ke ba-na-le seabe ba ba botlhokwa ka jaana ba ka atolosa kitso ya tiriso ya metsi le tshomarelo mo baneng ba sa ntse ba le bannye, ka jaana e le bone bokamoso jwa lefatshe leno.

E rile a tswa la gagwe, mogolwane mo lephateng la thuto, Mme Neo Morolong a supa fa lenaneo la Grey Water la Motsumi le lekeleditswe jaanong le tshwanetse go tshephiwa ka le ntsha maduo fa e sale le simolodisiwa ka 2011.

Mme Morolong a re metsi a a dirisiwang mo lenaneong le ke metsi a a tswang kwa matlong a botlhapelo kwa matlong a bana a borobalo, a tlatsa ka gore ba batla go tsena mo legatong le lengwe la gore metsi a a kgone go dirisiwa go tlhapa gape. 

A re ba ikaelela go atolosetsa  lenaneo le kwa dikoleng tse dingwe, bogolo jang tse baithuti ba nnang mo go tsone ka jaana ba lemogile gore lenaneo la teng le ka thusa go somarela metsi.

Mme Morolong a re nako e tsile ya gore setshaba se amogele tiriso ya metsi a a leswe, a kopa ba sekole sa Motsumi go dirisa lenaneo le gore ba tle ba bone maduo a lone le pharologanyo e le e dirang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego

Date : 22 Sep 2014