Breaking News

Dikgang tsa bong di ama botlhe

21 Sep 2014

Mogolwane mo lephateng la dikgang tse di amang bong Mme Rachel Loeto o boletse fa gole botlhokwa gore batho ba itse ka dikgang tsa bong le gore molao wa reng ka tsone. 

Mme Loeto o boletse seo mo thuto puisanyong kwa Rasesa e e neng e tseneletswe ke Dikgosi, barutabana, ba boipelego le batsadi , a re dikgang tsa bong le molao di ama batho botlhe. 

Maikaelelo a thuto puisanyo eo e ne e le go lemoga seabe sa baeteledipele ba sechaba mo go lwantsheng kgokgontsho ya bong, go ruta le gore ba tlhaloganye gore bong ke eng, ga mmogo le go itse ka dikgang tsa bong go sa tsewe letlhakore.

Mme Loeto o tlhalositse fa batho ba sa tshwanela go ikgatholosa dikgang tse di amang bong le tekatekano, a re go botlhokwa go rulaganya le go tsenya letsogo ga batho botlhe mo dikgang tseo le go tlhaloganya molao gore wa reng le gore thuto e goroge kwa bathong botlhe. 

O tlhalositse fa go le botlhokwa go lemoga botlhoki jwa batho botlhe ka go lekalekana, gore go nne le tshephano, boammaruri le go dira mmogo go sena kgethololo ka seo e le konokono ya setho. 

Fa a tswa la gagwe go tswa mo lephateng leo Mme Gorata Ntshwabi o boletse fa lefatshe la Botswana le itlamile go ruta sechaba ka dikgang tse di amang bong le tekatekano go sa kgathelesege gore motho o ngwaga dikae.

O tlhalositse fa dikgang tsa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ba na le dithoto mmogo di golela pele ebile di tshwenya, a re go dira jalo ga go rotloediwe ka go le gantsi go baka dintwa mo bathong ba go nna jalo mme go felele go sena kutlwisisanyo fa ba kgaogana. 

A re go botlhokwa go dira morero le go dirisanya sentle ga batho kana baratani, a tlatsa ka gore dingwe tsa dikgwetlho tse di teng e le dingwe tsa batho ba ba lobang dikgang ebile ba sa bege dikgang tsa kgokgontsho ba di fitlha.

Mme Ntshwabi o boletse fa go tshwenya go se bege dikgang tseo ka ko pheletsong batho ba felela ba itseetse molao mo diatleng, a re dipatlisiso di supa fa kgokgontsho e bonala thata mo go bomme le bana ba basetsana le baratani. 

O tlhalositse fa go se gantsi borre ba ka bega dikgang tsa kgokgontsho le ntswa le bone ba amega kana e ba diragalela.

O boletse fa dipatlisiso di supa fa mogare wa segajaja wa HIV/AIDS o tlhagelela thata mo go bomme gona le borre, 

Mme Ntshwabi o boletse fa gole gantsi batho ba bomme ba ba golwane ba tsenwa ke mogare fa ba tlhokomela ban aba bone ba ba nang le mogare bas a dirise tsa itshireletso. 

O tlhalositse fa bakapelo bangwe gole gantsi ba loba go bua gore bana le mogare fa ba tsena mo loratong mme a re dikgang tseo di nna di diragala gantsi, a tlatsa ka gore go botlhokwa go re batho ba sidilwe maikutlo le go rutiwa go fokotsa seemo sa go gola ga mogare. .

Kgosi George Thwane wa Artesia o tlhaloseditse bokopano joo ka molao wa lefatshe le ditsetlana tsa molao di akaretsa go thubetsa, go robalana ka losika (incest), go robala le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga, a re melawana yotllhe e botlhokwa ka e ka thusa go tsaya ditshwetso tse di maleba e seng motho a itseela molao mo diatleng mme a feletse a lebisitswe molato.

Kgosi Thwane o boletse fa manyalo a ko lekgotleng la setswana a letlelelwa ebile a lemogiwa ka fa molaong, a re go botlhokwa gore banyalani ba ye go supa kwa ga molaodi gore a ba tlhakanetse dithoto kana nnyaa mme go nne le maitlamo go netefatsa seo go itsa dintwa tse di nnang di nna fa banyalani ba setse ba kgaogana. 

Kgosi Zacchious Kaeperura wa Pilane o boletse fa go le botlhokwa go lebelela dikgang le molao sentle le go gakolola bogolo jang banyalani sentle pele ga lenyalo le ba setse ba le mo lenyalong bogolo jang fa go setse go na le bana mme ba batla go kgaogana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : MOCHUDI

Event : Puisano

Date : 21 Sep 2014