Breaking News

Ba Kgalagadi ba kopiwa go ithuta ka MVA

21 Sep 2014

Banni ba Kgalagadi borwa ba gwetlhilwe go kgatlhegela le go kgathalela go itse ka fa ba ka bonang dithuso ka teng go tswa mo letloleng la Motor Vehicle Accident kgotsa Motor Vehicle Accident (MVA) Fund jaaka le tlwaelesegile.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulagantswe ke ofisi ya gagwe mo Tsabong bosheng, modiri wa ofisi ya maoto ya letlole la MVA (MVA Fund Mobile Office, Customer service officer), Rre Michael Molebo o boletse fa ba lemogile gore bontsi jwa banni ba Kgalagadi borwa ga ba itse mo go tseneletseng ka dithuso tse di fiwang batswasetlhabelo ba dikotsi tsa tsela ke letlole la MVA, a tlhalosa fa ba bangwe ba sa itse gotlhelele ka dithuso tseo.

Rre Molebo o tlhalositse fa letlole la MVA le neela ba ba amilweng ke dikotsi tsa tsela dikatso tsa go leka go fodisa dikgobalo tsa mmele, le go itsa go latlhegelwa ke botshelo, mo go bakilweng ke kotsi ya koloi.

O boletse gape gore mo godimo ga moo, go duelwa ditshenyegelo tse moikopedi a ka tswang a nnile le tsone morago ga a sena go bona kotsi ya koloi.

O tsweletse ka go tlhalosa fa mefuta ya dikatso tse di fiwang moikopedi ke letlole la MVA di akaretsa, katso ya ditsenyegelo tsa bongaka e e akaretsang kalafi, tshidilo maikutlo le didirisiwa tse di tlhokafalang. 

“A ke madi a a duelelang bongaka jwa motswasetlhabelo. Madi a, a dirisiwa fela tiro e e a kgethetsweng, eleng dithuso tsa bongaka, ka jalo ga a neelwe moikopedi mo seatleng,” a tlatsa.

O boletse fa thuso e nngwe e le ya katso ya motlhokomedi e a tlhalositseng fa e tswa ngwaga le ngwaga e mo go yone go duelwang motlhokomedi wa motswasetlhabelo wa dikgobalo tse di masisi thata.

Thuso e nngwe, o boletse gore ke ya ditshenyegelo tsa loso, e a tlhalositseng fa e le madi a ditshenyegelo tsa phitlho. O boletse fa molao o letla gore go ka duelwa madi a a sa feteng P7 500.

O gateletse fa moikopedi a tshwanetse go tlisa bosupi jwa tse a di rekileng mo losong. O kaile gore fa moikopedi a batla thuso e pele ga phitlho o tshwanetse a supa ka mokwalo o o rurifaditsweng tlhwatlhwa ya ditshenyegelo tse a solofelang go ka nna le tsone mo losong.

Rre Molebo o kaile gape gore dikatso tse dingwe tsa letlole le, ke la go latlhegelwa ke bokgoni jwa go itshetsa, le a tlhalositseng fa e le madi a a duelwang moikopedi yo o nang le bogole jo bo bakilweng ke kotsi ya koloi mme a latlhegetswe ke tiro kana bokgoni jwa go tswelela a dira.

O tsweletse ka go tlhalosa fa go nale madi a a neelwang bao ba ba neng ba ikaegile ka motswasetlhabelo go ba tshetsa pele ga a tlhokafala a e leng a go latlhegelwa ke motlhokomedi kgotsa motsadi. Are bosupi jwa madi a moswi a neng a a dira bo a tlhokafala gore moikopedi a bone thuso e. 

Rre Molebo o boletse fa moikopedi a tshwanetse go lopa madi a dikatso mo sebakeng se se sa feteng dingwaga tse tharo morago ga kotsi ya koloi.

A gatelela fa letlole le rotloetsa mongwe le mongwe yo o ka tswang a amegile mo kotsing ya koloi go tsenya kopo ya dikatso ka bofefo jo bo kgonagalang morago ga kotsi, a re se se direlwa gore letlole le nne bofefo go batlela mogobadi dithuso tsa bongaka ebile di le maleba.

O tsweletse ka go tlhalosa fa batho ba ba latelang e le bone ba ba tshwanetseng go dira ikopelo; moikopedi ka boene (yo o gobetseng ) fa e le mogolo ebile a itekanetse mo tlhaloganyong, batsadi kgotsa batlhokomedi fa moikopedi e le ngwana,motlhokomedi wa moikopedi fa moikopedi e le mogolo yo o sa itekanelang mo tlhaloganyong.

Rre Molebo o boletse fa dikopo tsotlhe di tshwanetse go dirwa ka go tlatsa fomo e e bonwang ko letloleng la MVA, diofisi tsa mapodisi,dikokelo,le diposo tse di kgethilweng. O supile gape fa fomo e e ka tsewa mo website ya letlole la MVA.

O boletse fa dipampiri tse di patang fomo ya boikopedi e le pego ya kotsi ya ba sepodisi,pego ya baboni ba tiragalo, setshwantsho sa tiragalo sa sepodisi,moriti wa Omang o o rurifaditsweng , bosupi jwa ditshenyegelo tsa kalafi, pego ya bongaka ka botsogo le moriti wa setlankana sa matsalo se se rurifaditsweng.

Rre Molebo o ne a tlhagisa fa go tsenya kopo ka maikaelelo a go tsietsa letlole e le molato o o otlhaelwang mme a rotloetsa banni go ikgapha mo go lekeng go tsietsa letlole ka ba ka felela ba di gama ba sa di tlhapela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Manene

Location : TSABONG

Event : Phuthego

Date : 21 Sep 2014