Balwetse bangwe ga ba itsee sentle
21 Sep 2014
Mothusa motshwarelela bogosi jwa Gammangwato Kgosi Serogola Seretse a re o ngongoregela maitsholo a a seng mantle a balwetse bangwe ba itshwarang ka one fa ba tsile ko kokelong go kopa dithuso.
Kgosi Seretse o boletse fa gona le balwetse bangwe ba ereng ba tsile go kopa dithuso ko sepatela e re ba tsena kwa ba feta ba dirisa mafoko a sa siamang a ditlhapa mo baoking.
Kgosi o buile se, fa a ne amogela baeng kwa moletlong wa go baya fa pele dielo tsa boleng tsa ditlamelo le ditirelo tsa botsogo o oneng o tshwerwe ka labobedi kwa sepateleng sa Sekgoma.
Kgosi a re ntswa gona le tsamaiso ya gore balwetse ba thuswa jang go lebeletswe seemo se molwetse a tlang a le mo go sone, ebile le bone balwetse ba itse tsamaiso e, gona le balwetse ba ba tlang mme e re ba tsena ba kope thuso ka tsela e sa letelesegeng, e re fa baoki ba ba lemotsha gore ga go dirwe jalo ba ba tlhokele botho ba dirisa mafoko a matlhapa.
A re kgang e, e tshwanetse go emelwa ka dinao go kgalemiwe fela thata, a re o tla bitsa diphutlhego ko kgotleng go isa mafoko a kgalemo ko setshabeng mabapi le maitsholo a le go fetola seemo se ise se kukele.
Kgosi a re morafe o tshwanetse go gakololwa gore o tlotle tsamaiso ya kokelo ba ithute go kopa thuso ka fa go tshwanetseng, o tsweletse a supa fa a itumelela ba lephata la botsogo ka mananeo a bone a go ruta setshaba ka ditsela tsotlhe.
E rile a tswa la gagwe ka dielo tsa botsogo Mme Baile Moagi a tlhalosa fa ba bone go tshwanela gore dielo tse di nne teng go dirisiwa mo dikokelong, dikokelwana, maphatla a ditopo le tlhatlhobo ya tsone, ba thuso ya potlako le ba botsogo ja tikologo lefatshe lotlhe ka bophara.
Mme Moagi o tlhalositse fa maikaelelo magolo a dielo tse di dirilweng mo lenaneong la NDP10 e ele go sika tsela e yang go salwa morago go tokafatsa boleng ja tirelo le pabalesego ya balwetse le babereki mo lephateng la botsogo.
A re dielo tse, di ya go tlhalosa boleng ja ditirelo le gore balwetse e leng badirisi ba ditlamelo tse, ba babalesegile go le kae.
O tlhalositse fa dielo tse tsa boleng tsa ditirelo tsa botsogo di remeletse ka fa badirisi ba ditlamelo tsa botsogo ba itemogelang ka teng gore amme ba botsogo ba kgona go fitlhelela tse ba di tlhokang.
A re dielo tse, di a go thusa balwetse gore ba tlhaloganye gore ba solofele eng, fa ba ya go kopa dithuso ko dikokelong le dikokelwana.
Mme Moagi a re dielo tse, di tla thusa go nonotsha boikarabelo mo go se ba botsogo ba se dirang segolo jang ba lebile boeteledipele go tswa mo dikokelong le dikokelwana ka a re dielo tse, di ya go kanoka bodiredi gore bo bereka jang.
O tsweletse a tlhalosa fa dielo tse, e le selekanyetso sa dikeletso tsa badirisi ba ditirelo tsa botsogo, ka jalo ke ka moo di nang le ditsetlana tse di tla tisang bokanoki ja gore maikaelelo a ba lephata la botsogo a fitlhelelwa.
A re dielo tse, di tlhalosa gore boleng ja ditirelo tsa botsogo ke eng le pabalesego ya balwetse, ka a re gore gonne le lephata la botsogo ke ka bone balwetse e leng badirisi bagolo ba ditirelo tse.
Dielo tse, di lebelela ka fa badirisi ba tsone ba itemogelang ka teng gore ba lephata la botsogo ba kgone go fitlhelela se ba se tlhokang, fa ba sa se fitlhelela badirisi ba ka kgona go lemoga gore go tlhaela fa kae mme go baakangwe.
Dielo tse di tla thusa balwetse le badirisi ba ditirelo tsa botsogo go tlhaloganya gore ba solofele eng fa ba tsile go kopa dithuso mo dikokelong le dikokelwana.
A re dielo di fa sekale se se tla tlhalosang gore dikokelo le dikokelwana ka go farologana di thusa balwetse jang fa di tshwantshanngwa.
A re dielo tse di tsaya molwetse di mmaya fa gare, di lemoga gore molwetse gore a thuswe go na le makalana a leng teng mo dikokelong le dikokelwana a fetang ka one gore a bone thuso jaaka ko go ikwadisiwang teng, ko baoking le ko go fiwang melemo teng gareng ga tse dingwe, ka jalo dielo tse di netefatsa gore makalana a, otlhe ditirelo di teng.
Mme Moagi o boletse fa dielo tse di dirilwe go lebeletse ditsetlana tsa lekgotlana la Intenational Pride For Quality Health Care, lekgotlana le le ikemetseng ka nosi go thusa mafatshe a batlang go tokafatsa ditirelo tsa one.
O tsweletse a tlhalosa fa dielo tse di lemoga ditshwanelo tsa molwetse fa a tsena mo kokelong mme di netefatsa gore ga di gatakwe ka dinao ebile di salwa morago ka dinako tsotlhe.
A re dielo tse ga di lebelele molwetse fela, le babereki tota dia ba lebelela gore a le bone ba babalesegile.
Mme Moagi o tlhalositse fa dielo tse, di dirilwe go lebeletswe melao le melawana ya lephata la botsogo, a re di anamisitswe le dikokelo le dikokelwana lefatshe lotlhe, le mo maranyaneng a internet di tsentswe gore mongwe le mongwe o ka di bona.
A re gone ga diriwa ditekeletso go bona gore dielo tse di ka bereka, mme gone ga lemogiwa fa di bereka ke ka moo ba boloditseng letsholo go di neela setshaba gore se itse ka tsone.
Mo godimo ga moo, o weditse ka gore go tla dirwa melao e yang go pateletsa mongwe le mongwe , ele wa kokelo ya puso, ya setshaba kgotsa e ikemetseng ka nosi go sala dielo tse morago. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mariam Onyafetse
Location : SEROWE
Event : Moletlo wa ba botsogo
Date : 21 Sep 2014