Ba Bokaa ba isa dikgafela
21 Sep 2014
Lerole le ne le beta mokoduwe fa Bakgatla kwa motseng wa Bokaa ba ne ba phuthegile go isa dikgafela kwa kgotleng ya bone ka Labone.
E rile a ba amogela mo kgotleng, kgosi ya motseng oo Rre Sue Mosinyi o ne a leboga balemi ba motse wa gagwe go bo ba bone go le maleba go tsisa dikgafela mo kgotleng, a tlhalosa fa seo e le ngwao e bile e le tsela ya go leboga Modimo ka thobo e ba e boneng monongwaga.
Kgosi Mosinyi a re se gape ke tsela nngwe ya go tsosolosa ngwao ya bone le go tiisa balemi moko.
O ne a supa fa keletso ya bone ele go tsisa dikgafela ngwaga le ngwaga mo kgotleng mme ka jalo a rotloetsa morafe wa gagwe go ema ka dinao go bereka ba le seopo sengwe gore tiro ya go nna jalo e atlege. A re ba tshwanetse go neelana kitso eo le bana ba ba sa ntseng ba gola gore le bone ba gole ba na le kitso ya gore dikgafela ke eng e bile go dirwa eng ka nako eo.
Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya balemi, Rre Samuel Mochailo, o ne a tlhalosa fa go setse go le digwaga di le dintsi ba sa tsise dikgafela mo kgotleng, a tlhalosa fa ngwaga ono ba bone gore ba ikiteye ka thupana. A re seo ke go supa ngwao ya bone, mme a kopa balemi go tswelela ka moono oo, a kaya fa o le molemo fela thata.
Le fa go ntse jalo, o ne a bua a sa kgwe mathe ka borre bangwe ba a tlhalositseng fa ba le maoto a tshupa go tsenelela mediro e e tshwanang le wa dikgafela.
A re bontsi jwa mediro, bomme ke bone ba ba di gogang kwa pele, a bua jalo a kgothatsa borre go iketsha kwa morago. Balemi le bone ba ne ba fa bopaki ka thobo ya bone le gone go neela ba bangwe maele a k aba thusa go roba botoka mo masimong a bone.
E ne ya re a fa bopaki, Rre Moses Mantsi yo o tlhalositseng fa a lema kwa Sekgwa-sentsho o ne a tlhalosa fa temo jaaka dikgwebo tse dingwe, e tlhoka bopelotelele, a tlatsa ka gore o ne a lema dingwaga tse di fetileng mme o ne a sa robe sepe mme seo sa seka sa mo kgoba marapo.
O ne a tlhalosa fa ngwaga ono a ne a lema dihekere di le thataro mme o kgonne go bona dikgetsi tsa mmidi di le masome a marataro, a tlatsa ka gore o kgonne le go bona thobo ya magapu, ditloo le manoko tota.
O ne a kopa balemi ba bangwe go tlhokomela masimo a bone morago ga temo, a tlhalosa fa a lemogile gore bontsi jwa bone morago ga go baya ditema ba ya go nna kwa magaeng, a supa fa temo e tlhoka lorato le tlhokomelo.
O ne gape a supa fa puso ya lefatshe leno e thusa ka dipeo le go ba lemela, ba sa lopiwe madi ape, se a tlhalositseng fa e le maiteko a mantle mme a ba rotloetsa go ema ka dinao go dirisa sebaka seo.
Rre Mantsi o ne gape a leboga molemisi wa motse wa Bokaa, a re o dira tiro ya gagwe ka bokgabane. A re fa ene e se ka thotloetso ya gagwe, ba ka bo ba sa bona thobo e ba e boneng eo mme le fa go ntse jalo, o ne a mo kopa go ba phakisa dipeo ka bonako gore ba leme nako a sa ntse e le teng.
Lizzy Moitlobo ene o ne a kopa gore mo nakong e e tlang fa go dirwa tiro eo go lalediwe bana ba dikole go tla go bona gore go dirwa eng, ka bontsi jwa bone ba sa itse.
O ne a supa fa bogologolo dikgafela di ne di isiwa kwa go kgosikgolo, a kaya fa morago ga moo di tlaabo di kgaogangwa ka dikgotla tsa bone gore bangwe le bangwe ba nne le tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Moletlo wa dikgafela
Date : 21 Sep 2014