Breaking News

Ba rotloediwa go dirisa lenaneo

21 Sep 2014

Ba lephata la thuto ba rotloeditswe go anamisa lenaneo la tiriso ya metsi a leswe la Grey Water mo dikoleng ka le ka ba thusa go somarela metsi.

Se, se builwe ke mothusa mokwaledi wa lephata la meepo, kgothetso le metsi, Rre Macheng Macheng fa a ne a rolela ba lephata la thuto mmogo le sekole sa Motsumi JSS lenaneo la tiriso ya metsi a leswe la Grey Water kwa Letlhakane ka Labone (18/09/2014).

Rre Macheng a re  ba tshwengwa ke tlhaelo ya metsi mo lefatsheng leno ka ntata ya dipula tse di boutsana. 

Le fa go ntse jalo, a re tshenyo ya metsi  e kwa godimo thata mo dikoleng le mo makalaneng a mangwe, a tlatsa ka gore Botswana jaaka lefatshe le le tlhabologang le tlhokana le metsi a mantsi go dira ditlhabololo.

O supile fa lenaneo la Grey Water la sekole se segolwane sa Motsumi le weditswe  ka ngwaga wa 2011, e le tsela nngwe ya go fokotsa tiriso e ntsi ya metsi a a phepa.

Rre Macheng a re gore ba kgone go ntsha metsi a a lekaneng go tlhoka gore ba lephata la metsi ba eme ka dinao, mmogo le kemo nokeng ya bana le seabe botlhe le setshaba ka kakaretso, a tlatsa ka gore selekanyo sa metsi a tlhokegang ke 221millon cubic metres ka ngwaga, se go solofetsweng gore se ye ko godimo ka 225million cubic meters ka ngwaga wa 2016.

O ne a rotloetsa dikole tse dingwe go tsaya malebela mo lenaneong la sekole sa Motsumi la Grey Water, le ka lone ba  ka fokotsang madi madi a ba dirisang go duela metsi mo dikoleng.

Rre Macheng a re ga ba a dira  lenaneo la tlhatso ya metsi a leswe fela mo sekoleng se segolwane sa Motsumi, mme ba dirile le lenaneo la go somarela metsi a pula kwa sekoleng sa Our Lady kwa Fracistown, Shoshong le kwa lephateng la Water affairs kwa Gaborone le mo mafelong a mangwe.

A re lephata la thuto le tlhabololo dikitso jaaka badirisi ba metsi, ke bana-le-seabe ba ba botlhokwa ka jaana ba ka atolosa kitso ya tiriso ya metsi le tshomarelo mo baneng ba sa ntse bale bannye, ka jaana e le bone bokamoso jwa lefatshe leno.

E rile a tswa la gagwe mogolwane mo lephateng la thuto Mme Neo Morolong a supa fa lenaneo la Grey Water la Motsumi le lekeleditswe jaanong le tshwanetse go tshepiwa ka le ntsha maduo fa e sale le simolodisiwa ka ngwaga wa 2011.

Mme Morolong a re metsi a a dirisiwang mo lenaneong le ke metsi a a tswang kwa matlong a botlhapelo kwa matlong a bana a borobalo, a tlatsa ka gore ba batla go tsena mo legatong le lengwe la gore metsi a a kgone go dirisiwa go tlhapa gape. 

A re ba ikaelela go atolosetsa  lenaneo le kwa dikoleng tse dingwe bogolo jang tse baithuti ba nnang mo go tsone ka jaana ba lemogile gore lenaneo la teng le ka thusa go somarela metsi.

Mme Morolong a re nako e tsile ya gore setshaba se amogele tiriso ya metsi a leswe, a kopa ba sekole sa Motsumi go dirisa lenaneo le gore ba tle ba bone maduo a lone le pharologanyo e le e dirang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego

Date : 21 Sep 2014