Breaking News

Batshu o tlhagisa Batswana ka batswakwa

22 Sep 2014

Tona ya pereko le merero ya sa selegae, Rre Edwin Batshu o supile Batswana ka monwana a re ba na le mokgwa wa go thapa batswakwa ba sena diteseletso e bile ba sa tsena ka fa tshwanelong mo lefatsheng leno.

Mo phuthegong ya kgotla kwa Dukwi bosheng, Rre Batshu o tlhalositse fa seo ele borukutlhi ka motho o a bo a tsuulotse molao ka jalo a lebanwe ke kotlhao.

O kopile banni go tlogela mokgwa wa go fa batswakwa ba ba tseneng e se ka fa molaong ditiro le boroko, a re fa ba ka tlogela go ba amogela, tshologelo ya bone mo motseng ga e na go nna teng.

Tona a re bomme ke batswa setlhabelo mo go tsiediweng ke batswakwa ba banna ba kopa nyalo mo go bone ntswa bone ba gabile sengwe. O tlhalositse fa dikgang tsa bomme ba ba tsiediwang ka mokgwa oo di le dintsi kwa ofising ya gagwe ka jalo a ba kopa go ela batho ba go nna jalo tlhoko.

Rre Batshu o supile fa ba na le kgwetlho ya batho ba ba sa tseyeng bo Omang ba  bone morago ga ba sena go ba dira mme a ba kopa go tlhola dikarata tsa Omang gore ka letsatsi  la  ditlhopho di bo di le mo tirisong.

E ne e rile go le pele fa a amogela baeng, kgosi ya Dukwi, Rre Oletsosetse Mosweu a tlhalosa fa motse wa gagwe o na le kampa ya batshabi e go nnang merafe ka go farologana mme a lela ka tshologelo ya batswakwa ba ba senang tetla ya go nna mono ka a re batho bao ba iphitlha kwa kampeng eo.

Rre Boenyana Lesole le Rre Welcome Mbedzi ba otleletse mafoko a kgosi mme ba kopa puso go sekaseka batshabi gore ba mafatshe a bone a setseng a siame ba  busediwe teng.

Rre Mbedzi o boletse fa bangwe batshabi ba setse ba butse dimausu kwa motseng e bile ba rekisa mephako.

 Tona Batshu o ba tshepisitse fa a tla sala morago mangwe a matshwenyego a bone le gone go sekaseka batshabi.

Rre Batshu o tlhaloseditse banni ka ditirelo tsa maphata a gagwe ka go farologana, a bo a ba rotloetsa go obamela molao le go o tlotla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : DUKWI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Sep 2014