Mahalapye o tla nna le madirelo a twantsho melelo
21 Sep 2014
Mogolwane wa lekalana le le lebaganeng le go tima melelo mo khanseleng ya kgaolo potlana ya Palapye Rre Bernard Sadi, a re khansele e dumelane go romela makoko a lebaganeng le go tima melelo kwa dikgaolong potlana tsa Mahalapye le Tutume.
Rre Sadi o buile jalo mo puisanong le lekalana la dikgang la BOPA morago ga gore mosadi mongwe wa kgotla ya Dilaene mo Mahalapye, a falole loso ka bobi jwa segokgo fa ntlo ye a robalang mo go yone ene e rora ka molelo mo bosigong jwa labone.
Rre Sadi o rile lefa khansele e setse e rometse badiri ba makalana ao mo Mahalapye le Tutume, gone ga ba ise ba simolole tiro ka jaana ba emetse dikoloi tse go bolelwang di setse di rekilwe,mme di emetse goya kwa dikgaolong tse di yang go berekela kwa go tsone.
A re badiri ba ba tla bong bale mo Mahalapye ba tla itebaganya le go tima melelo mo metsing ya dikgaolo tsa Shoshong le Tswapong borwa ka jaana dikgaolo tseo dile kgakala le Palapye fa badiri ba ba direlang kwa kgaolong potlana ya Tutume bone ba tla itebaganya le melelo emo tikologong ya kgaolo eo.
E rile mo phirimaneng ya bosigo jo retswang mo go jone metsotso e ka nna lesome le botlhano go yeng kwa nakong ya boferabobedi ntlo yaga Mme Ramaribana ya peperetla ka molelo o go belaelwang o katswa o bakilwe ke ditlhapo tsa motlakase.
A re ene yare go bona mosi le kgabo ya molelo mo maribeleng a ntlo, a tlhaba mokgosi,mme baagisanyi ba kgona go mo thusa go tima molelo oo ka metsi pele ga go nna le ditsheneyegelo tse dintsi. A re ba lekalana le le timang melelo gotsweng kwa Palapaye ba fitlhetse ba setse ba timile molelo oo e bile ba ntsheditse dilwana dingwe kwa ntle.
Mme Ramaribana o boleletse ba lekalana la BOPA mo potsolotsong gore dithoto tse di senyegileng tse di akaretsang Television,setsidifatsi le tse dingwe di ka lopa madi a tshwarang P9 000 go sa balelwe le ditsheneyegelo tse ntlo e agilweng ka tsone.
Bangwe ba batho ba ba neng bale kwa tiragalong eo ba ngongoregetse go tlhoka madirelo a ditima melelo mo motsing wa Mahalapye ntswa ele one o okametseng metse ya kgaolo potlana ya Mahalapye e tshwana Tswapong Borwa le Shoshong.
Bare ere ntswa kgaolo potlana ya Mahalapye ena le metse ele msome a mararo le borobabongwe,go maswabi go bona go sena madirelo a lebaganeng go tima melelo mo Mahalapye. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Puisano
Date : 21 Sep 2014