Batho dipitse le ditonki di iteisanya borathana
21 Sep 2014
E rile bosheng kwa motsaneng wa Metsibotlhoko mo kgaolong ya Boteti ga bo gole mo dikgaisanong tsa mabelo a a farologaneng a maikaelelo a one eleng go rotloetsa batho go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS le go tsibosa borre ka botlhokwa jwa go rupa.
Go ya ka mongwe wa barulaganyi ba dikgaisano tseo, Rre Marks Mokhowe wa mokgatlho o o ikemetseng o lwantsha mogare wa HIV/AIDS, ba ne ba ipeetse seelo sa go tlhatlhoba batho ba ka nna lekgolo le sephatlo le fa go ntse jalo ba kgonne go tlhatlhoba ba ka nna masome a matlhano le boferabobedi fela.
A re seo ga se kake sa ba nyemisa moko ka tota Batswana ka kakaretso ba na le go tsibogela selo ka bonya.
O tlhalositse gore ikwadiso ya go tsenelela mabelo e ne e pateletsa gore yo o batlang go gaisanya a itlhatlhobele mogare pele mme a fiwe sesupo se jaanong se mo fang sebaka sa go taboga kana go tabogisa pitse kgotsa tonki ya gagwe.
Rre Mokhowe o tlhalositse gore mosola wa go itse seemo sa mogare ke gore motho o ka ithophela go tshela sentle ka mogare kana fa ele gore ga a na one a iphapha.
A re dikgaisano tseo di botlhokwa ka go taboga ele nngwe tsela ya go sidila mmele e bile go sireletsa go amiwa ke malwetse mangwe jaaka a pelo.
E ne e rile a amogela baeng mo motseng wa gagwe, Kgosi Bafentse Moatsheng a tlhalosa fa a itumeletse gore motse wa gagwe o bo o tlhophetswe go tshegetsa tiro eo, a re seo se supa fa le bone puso le makala a a ikemetseng ka nosi ba sa ba lebala.
Kgosi Moatsheng o rotloeditse banni go itlhatlhobela mogare gonne le fa o fitlhetswe mo mothong, o ka tshela lebaka ka puso e thusa ka diritibatsi.
A re go tshela o sa itse seemo sa gago ga se selo se se siameng ka motho oa go lemoga gore botsogo jwa gagwe bo mo diphatsheng a setse a tsena ka lebitla.
O tsweletse a re mabelo ao, e ne ele matlhagola tsela a kgaisano e e tla a tshwarwang ka letsatsi la boipuso .
Mogolwane go tswa kwa ofising ya taolo ya mogare wa HIV/AIDS mo kgaolong ya Letlhakeng, Rre Onkabetse Ntswetswe o galaleditse batho ba motsana oo mo tirisanong mmogo le ba ba neng ba rulaganya tiro eo a bo a ba kopa go inaakanya le mananeo a mangwe a puso jaaka a go sireletsa masea go angwa ke mogare.
Mo dikgaisanong tseo, Rre Thokofatso Mokgwathi wa motse wa Khudumelapye o gapile maemo a ntlha mo letlhakoreng la dipitse fa Rre Obert Kemokweni ene a gapile a bapagami ba ditonki.
Mme Iponeng Sebolai o gapile maemo a ntlha mo lebelong la bomme fa la banana ba basetsana lone le gapilwe ke Mme Kemelo Raselepe.
Rre Jobe Gaotsholwe o fentse lebelo la borre mme Rre Seipoko Sehubanyana a tsaya maemo a ntlha mo letlhakoreng la basimane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tlholego Nthaga
Location : LETLHAKANE
Event : Dikgaisano tsa mabelo
Date : 21 Sep 2014