Breaking News

Tirisanyo mmogo e botlhokwa ka nako ya ditlhopho

18 Sep 2014

Bontlhopheng ba gakolotswe go dirisanya sentle le batsamaisi ba ditlhopho ka letsatsi la ditlhopho tsa setshaba tse di tlaa tshwarwang kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le bone.

E rile a ema bontlhopheng ka lefoko kwa dithutong tsa kgaolo ya botlhophi ya Letlhakeng-Lephepe ka Laboraro kwa Letlhakeng, mogolwane go tswa mo ofising ya ditlhopho ya Letlhakeng, Rre Gakenosi Motshwarakgole o ne a tlhalosa fa batsamaisi ba ditlhopho ba filwe dithata tsa go ntsha ope fela yoo kgoreletsang tsamaiso ya ditlhopho mo lefelong la botlhophelo.

O ne a bolelela bontlhopheng fa boikuelo kgatlhanong le motsamaisi wa ditlhopho bo ka dirwa fela morago ga letsatsi la ditlhopho, mme a tlhagisa fa se se ka baya bo ntlhopheng kafa mosing fa ba sa itshware sentle ka jaana ba ka tshwanelwa ke go nama ba eme kwa kgolegelong pele ga kgang e reediwa. Rre Motshwarakgole o ne ka jalo a supa fa boitshwaro jo bo letlelesegang le tirisanyo mmogo dile botlhokwa gore ditlhopho di tsamae ka thelelo.

Mo go tse dingwe, Rre Motshwarakgole o ne a gakolola bontlhopheng go tla ka basupi ba ba itseng go bala le go kwala go itsa matsapa a go batla ba ba tlaa supelang basupi bao. A re go ya ka molao wa ditlhopho, fa ntlhopheng a tsile ka motho yo o sa itseng go bala le go kwala, o tlamega go tla ka motho yo mongwe yoo tlaa supelang mosupi yoo, mme ka jalo go nne tiro e ntsi gona le fa ba ne ba tsile ka ba ba itseng go ipalela le go ikwalela.

O ne gape a tlhalosetsa bontlhopheng fa molao o sa bue sepe ka go adimana basupi magareng ga ntlhopheng wa bopalamente le wa bokhanselara. O ne a tsibogela se morago ga gore bontlhopheng ka bontsi ba botse fa seo se letlelelwa. Le fa go ntse jalo, Rre Motshwarakgole o ne a tlhalosa fa mosupi a le mongwefela a ka seke a dirisiwa ke ntlhopheng a le mongwefela go feta gangwe.

Rre Motshwarakgole o ne gape a gakolola bontlhopheng go duela madi otlhe a ba tshwanetseng go a duela go sa ntse go na le nako go itsa go taboga ka metsotso ya bofelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : LETLHAKENG

Event : Dithuto tsa botlhopheng

Date : 18 Sep 2014