Breaking News

Kgalagadi o tla agelwa matlhabelo

19 Sep 2014

Banni ba Tsabong ba boleletswe gore go tlaa agiwa matlhabelo a kgaolo ya Kgalagadi mo motseng wa bone.

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ka Laboraro , mogolwane go tswa kwa lephateng la matlhoko a leruo, Rre Samuel Ditiragalo a bolela fa matlhabelo ao a tla a dirisiwa ke banni ba kgaolo ya Kgalagadi ka bophara ka go lemosegile fa e le yone e nang le diruiwa tse dintsi bogolo jang dihutshane.

A re puso e tsere tshwetso ya go aga matlhabelo a a tlaa tlhabang diruiwa di akaretsa ditonki, dikolobe le diphologolo tsa naga kwa ntle ga dikoko fela. Rre Ditiragalo o tlhalositse fa matlhabelo ao a seemo se se fa gare a tlaa bo a kgona go tlhaba diruiwa di le masome a matlhano ka beke e bile go na le fa go kgaolelwang nama teng gammogo le fa go omelediwang matlalo teng gore ba ba batlang go a reka ba a fitlhele a le mo seemong se se siameng.

A re e tlaa re matlhabelo a sena go agiwa, khansele ya Tsabong e tshwaragane le morafe go  tsaya tshwetso ya gore a tsamaisiwa jang, mme a tlhalosa fa go le  mo maruding a morafe gore o hirisetsa kompone kgotsa mogwebi mongwe. 

Rre Ditiragalo a re se se botlhokwa ka gore ga ba batle matlhabelo ao a tsamaisiwa ke khansele ka go supegile fa dikhansele tse di nang le matlhabelo di sa a tsamaise sentle e bile a sa dire dipoelo. O kopile morafe go tlhokomela matlhabelo ao gore ba tle ba kgone go dira dipoelo tse di tlaa dirisiwang go a tsamaisa.  O tlhalositse gore tiro e tona ya khansele ke go netefatsa gore lefelo, metsi le motlakase di nna teng. 

Banni ba itumeletse tshwetso ya go agelwa matlhabelo ba bo ba tlhalosa fa ba solofela a tlaa  ba tlhamela ditiro mme e bile a tlaa ba rotloetsa go tlhokomela leruo la bone le gone go ba fokoletsa mosepele le ditshenyegelo tsa go isa diruiwa tsa bone kwa bokgakaleng jwa bo Lobatse le mafelo a mangwe.

Mongwe wa barui, Rre Sejakgomo Sejakgomo o ne a  batla go itse gore kago e solofetswe  go simolola leng le gore a go dirilwe tshekatsheko ya ditlamorago tsa tiro eo.

 Mme Edna Podise ene o kopile gore go bulwe  fa matlalo a tlaa direlwang teng go oketsa diphatlha tsa mebereko gonne go tlaa bo go bolawa diruiwa tse dintsi.

Rre Victor Senome yo o direlang kompone ya HERBCO Technical Services e e dirang le tsa tshekatsheko ya tikologo, o tlhalositse gore tiro ya go aga ke gone jaaka e simolotse fa ba ntse ba tsamaya ba tsaya maikutlo a morafe jaana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : TSABONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Sep 2014