Breaking News

Ba dumalane go sutisa diphuthego

19 Sep 2014

Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba dumelane ka bongwe fela jwa pelo go sutisa malatsi a diphuthego tsa dikomiti dingwe tsa khansele, e le tsela nngwe ya go tlotla letsatsi le le setseng le beilwe la ditlhopho tsa monongwaga, tse di tlaa tshwarwang ka kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le bone.

Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba dumalane jalo ka Laboraro mo phuthegong e e faphegileng ya khansele, morago ga gore mokwaledi wa khansele Rre Charles Amos a ba itsise fa go ya ka lenaneo la diphuthego tsa khansele le tsa dikomiti tsa kgaolo, diphuthego dingwe tsa dikomiti tsa khansele di rulaganyeditswe go tshwarwa mo malatsing a a gaufi thata le letsatsi la ditlhopho le morago ga tsone.

Tumalano eo, e raya gore diphuthego tse go ya ka lenaneno la diphuthego tse di neng di tshwanetse go tshwarwa mo malatsing a se kae pele ga ditlhopho le morago ga tsone, di sutiseditswe kwa dibekeng tsa ntlha tsa kgwedi ya Phalane; mo go rayang gore dingwe di tlaa tshwarwa ka kgwedi ya Phalane e le supa le e le lesome le bosupa. 

Makhanselara ba ne ba atla mogopolo wa gore malatsi a diphuthego tsa dikomiti tse di amegang, a sutisetswe kwa morago, ba re seo ke tebelopele e e itumedisang fela thata. 

E ne e rile go le pele, Rre Amos a supa fa go sutisa malatsi ao e le go fa maloko a dikomiti tse di amegang sebaka sa go kgarametsa ditiro tsa dikomiti tseo, gore ba ba gorogang morago ga ditlhopho ba fitlhele go weditswe ka fa go neng go tshwanetse ka teng le go tsweledisa mo temeng eo.

 Mokwaledi a re e re ka jaana lenaneo leo la ngwaga la diphuthego tsa khansele le dikomiti tsa kgaolo le ne la fetisediwa kwa bukaneng ya Government Gazette, go tlaa dirwa fela jalo gape le ka tshwetso eo e e dumelanweng ke makhanselara.

Fa a latlhela tlhware legonnyana mo dintlheng dingwe tse di amanang le ditlhopho, molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba Rre Rapetse Mathumo o ne a itsise makhanselara fa bodiredi jo bo tlaa bong bo tlhophisa bo tlaa fiwa sebaka sa go tlhopha kgwedi ya Phalane e le lesome le boferabobedi. 

Molaodi o ne a supa fa mo bogautshwaneng go tla rutuntshiwa bao ba ba tlaa bong ba tlhophisa, e le tsela ya go iphutha metlhala nako e sale teng, go nna malala a laotswe ka letsatsi la ditlhopho.

Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Rre City Kealotswe, ene a re keletso ke gore ba ba tlaa bong ba tlhophisa, ba tle ba dire tiro ya bone ka botswapelo, a bo a kopa le bao ba ba ipapaletsang ditlhopho gore ba seka ba dirisa mafoko a a fatlhang mo ipapatsong ya bone. A re seo se tlaa netefatsa fa e le ruri batho ba lefatshe leno e le badumedi le barata kagiso le puso ya batho ka batho, tse lefatshe leno le itsegeng ka tsone, a bo a tlatsa gape ka go gakolola ba ba ipapatsang ka go goagoetsa ka dikoloi, go dira jalo magareng ga dinako tsa botlhano mo mosong le borobabongwe bosigo.

Rre Kealotswe, yo gape eleng mokhanselara wa kgaolwana ya Mapoka, a re seo se ka itsa go itaya tsebe batho ba bangwe, go balelwa le bana ba dikole fa ba inaakantse le dibuka ba bala kgotsa ba dira ditiro tsa sekole kwa malwapeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya khansele

Date : 19 Sep 2014