Breaking News

Kgosi ya Shakawe e rotloetsa tshwaragano

18 Sep 2014

Banni ba Shakawe mo kgaolong potlana ya Okavango ba dumalane ka bongwe fela jwa pelo go emisa go kgaogana ka dikgotlana fa go ketekwa moletlo wa boipuso go itsa kgaogano ya morafe mo motseng wa bone.

Kgosi Kea Lempadi o boletse mo phuthegong ya kgotla ya go baakanyetsa moletlo wa boipuso bosheng gore thulaganyo e e ntseng e le teng ya go kgaoganya banni ka dikgotlana tsa bone ka nako ya fa go ketekwa meletlo ya boipuso e kgaoganya morafe go na le go o bopaganya.

A re jaaka puso e dirile maiteko a go bopaganya merafe ya lefatshe leno go nna tshaba ele nngwe fela, go botlhokwa go sala morago thulaganyo eo go tsholetsa serodumo sa lefatshe leno. 

O tsweletse a re ga se gore o nyatsa dikgotlana tsa morafe ka di tlhomilwe ka maikaelelo a go letlanya morafe mo boemong jwa kgotla e tona, mme fela merero e tshwana le ya boipuso e tshwanelwa ke go tshwarelwa mo kgotleng e tona.

Rre Keheletswe Samakena o tlhalositse fa thulaganyo ya pele ya go kgaoganya morafe ka dikgotlana tsa bone ka nako ya meletlo ya boipuso e ne e direlwa bangwe ba ba neng ba sa kgone go goroga kwa kgotleng e tona go akarediwa bagodi le balwetse.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Lesedi Boy o gateletse botlhokwa jwa gore morafe o baakanyetse moletlo wa boipuso jwa monongwaga ka ele matlhagolela tsela a jwa masome a matlhano ka 2016. Rre Boy a re monongwaga, kgaolo ya bone e segofaditswe ka P294 400 go jesa palo ya batho ba le 58 880 ka letsatsi la boipuso, mme motse wa Shakawe o filwe P33 375 jalo a kopa banni ba kgaolo eo go tsaya tsia meletlo ya monongwaga gore e atlege.

E re dikgang di eme jalo, modulasetilo wa komiti ya boipuso kwa Gumare, Rre Kebonyemotse Thapi o boletse fa dipaakanyo di tsweletse sentle. 

A re boipuso jwa ngwaga eno bo faphegile go tsamaelana le dithulaganyo tsa jone tse di tla a simololang kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome mabedi le borataro ka dikgaisano tsa mabelo a dipitse, a bagolo, mmino ya setso go akarediwa ya kharakhara, sevukiviki le mawayawaya  go fitlhelela ka letsatsi la boipuso.

O kopile banni ba motse wa Gumare go ipaakanyetsa moletlo oo ka a re monate o a itirelwa mme a tlhalosa fa metsana ya Eretsha, Kajaja, Mowana le Nxamasere le gone dipaakanyo di tsweletse sentle.

Le fa gontse jalo, modulasetilo wa komiti e e rulaganyetsang dikgaisano tsa rabontle le mma bontle wa kgaolo ya Okavango, Mme Keneilwe Seidisa a re bomme ba le lesome le borre ba le batlhano ba ba tshotsweng ka 1966 ba ikwadiseditse go tla go tsenelela dikgaisanyo tseo. 

O boletse fa dipalo tseo di kwa tlase thata fa go lebilwe dipalo tsa banni ba kgaolo eo, mme a tlhalosa gore gongwe batho ba ba tshotsweng ka ngwaga oo ke bone ba seyong mo kgaolong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Rebecca Katjimune

Location : Gumare

Event : Phuthego ya go baakanyetsa boipuso

Date : 18 Sep 2014