Kgalemang Motsete o tlogetse motlhala
17 Sep 2014
Rre Kgalemang Motsete ke mongwe wa bagaka ba pele ba ba diretseng lefatshe le ka bonokopila le botswerere.
Fela jaaka pina e a neng a e tlhama morago ga gore lefatshe le, le tsee boipuso ka ngwaga wa 1966, Rre Motsete o ne a tlogela motlhala o banni ba Mulambakwena ba tla se kitlang ba o lebala, se a se ba diretseng ka dingwaga tsa bo 1920 e tla nna segakolodi sa sennela ruri mo matshelong a bone.
Bontsi bo gakologelwa Rre Motsete ka pina ya setshaba mme mo bagoding ba kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Motsete ga a tlogela pina fela, one a ba agela sekolo go ithutuntsha go bala le go kwala se mo nakong ya gompieno se tla fetogang lefelo la ditso.
Sekolo seo se se neng se bidiwa Kgalemang Motsete College ka go tlhoka lesego se ne sa phutlhama gareng ga dingwaga tsa 1935 le 1936 morago ga go hulara ga ga Rre Motsete go boela kwa gaabo kwa ga Mmangwato. Fela jaaka mafoko a pina ya gagwe, Rre Motsete o ne a bona gore boswa jwa borraeno e leng lefatshe le emelwe ka dinao go direla bagaabo.
Morago ga go hulara ga ga Rre Motsete, sekolo seo se ne sa tlhoka motsamaise mme sa palelwa ke go itshetlela.
Mo potsolotsong ka Labobedi, go latedisa motlhala wa lefelo leo le e tla reng mo nakong ee sa fediseng pelo ya nna seikokotlelo sa ditso tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba , mongwe wa bagodi ba ba kileng ba tsaya karolo mo metshamekong ee neng ya tshegetswa kwa sekolong seo, Rre Jimmy Laba yoo tshotsweng ka ngwaga wa 1928 o tlhalositse fa lentswa a ne a tsena kwa sekolong se sebotana sa Masunga , ba ne ba tshwarela dikgaisano tsa bone e ka tswa ene ele tsa dibolo, mabelo kgotsa dipe fela dikgaisano kwa sekolong seo.
Rre Laba o tlhalositse gape fa dithuto tse di neng di dirwa kwa sekolong seo di ne di akaretsa bagodi botlhe go sa kgatlhalesege gore o na le dingwaga di le kafe, mongwe le mongwe yoo neng a na le keletso ya go ithuta go bala le go kwala o ne a rebolwa go ka iteka lesego ka e bile gape se ne se sena gore o ema ka lokwalo lefe.
Rre laba a re ka nako ya bone ba ne ba rutwa ka teme ya sekgoa, sekalaka ga mmogo le dipalo mme dibuka tse ba neng ba di dirisa thata e ne ele dibaebele go ba ruta tsela ya boitshwaro jo bo lolameng, buka ya maswiswinagonde ee neng e bidiwa ka leina le nonyane le ya chepeletana cha bana.
Go latedisa ditso tsa sekolo seo, se ne se le kwa motseng wa Mulambakwena kwa kgotlaneng ya ga Nyewele fa gare ga noka ya Tati le molapo wa Chegowu lentswa mo nakong ya gompieno go na le dikgogakgogano tsa gore tota sekolo seo se wela fa kae , magareng ga motse wa Mosojane le wa Mulambakwena.
E rile a tswa la gagwe Rre Gumbu Palalani yo ene a tshotsweng ka ngwaga wa 1936 a re o eletsa gore lefelo leo le somarelwe go nna lefelo la ditso go tshegetsa lorato le Rre Motsete a le fileng batsadi ba bone.
Rre Palalani a re o eletsa gore go nne le tirisanyo mmogo magareng ga motse wa Mulambakwena le wa Mosojane ka gore lefelo leo le tla sologela molemo morafe otlhe oo mo kgaolong ya bokone botlhaba ka sekolo seo se ne se dirisiwa ke bagolo botlhe go tswa mo metseng ee farologanyeng mo kgaolong e.
Sekolo se, e ne ele tsela nngwe ya go tlhabolola matshelo a banni ba kgaolo ya bokone botlhaba.
Rre Palalani o tlhalositse fa bontsi jwa baithuti ba sekolo seo ba ile maotwana hunyela fela botlhe , mme o dumela gore golo ba go robetseng ba itumelela dithuto tse ba di amuleng mo sekolong se. E ne e le sone sekolo fela se segolwane mo kgaolong e.
O tsweletse ka gore didirisiwa tse ba neng ba di dirisa ka nako eo go ithuta go kwala di buselediwe go tshegetsa ditso. A re go ya ka ditlhotlhomiso tse a di utlwileng ka tsala ya gagwe yo e neng ele mongwe wa barutabana mo sekolong seo, a felela ele mopalamente wa ntlha wa kgaolo ya Maun/ Chobe Rre R.D Monwela, a re ba ne ba dirisa mo ka nako eo go neng go bidiwa “slate” go kwalela mo go sone fela jaaka buka.
A re slate se ne se ageletswe ka dikgonyana fa gare e le galase fela jaaka ya sesha ee dirisiwang ele bodilo jwa matlo mme e bile go ne go na le pena ya teng ee neng e betliwa ka majwe.
“Re eletsa gore go ka bo gone go na le sekolo se se tshwang le sa Kgalemang Motsete le rona ra tsweledisa dithuto tsa rona, ra akola le ditirelo tse dingwe tse a neng a di ruta batsadi ba rona,” ga akgela Mme Chebanana Majoko wa motse wa Mosojane. A re lentswa lefatshe le le tletse ka matsororo a dikolo , tsamaiso ya tsone ga e tshwane le ya dikolo tsa bogologolo.
E rile a tshwantshanya le mo nakong ya gompieno, Mme Majoko yo le ene a fitlhetseng sekolo seo se setse se phutlhame, a re bagodi ba segompieno ka bontsi ga ba tsene dikolo, mme a tlhalosa fa nako e dithuto tsa thuto ga e golelwe di simololang ka yone di beile bontsi jwa bone ka fa mosing ka jalo dikole di tshwana le sa Kgalemang Motsete di ne di sa tshwanela go swa, ka nako ya sone e ne e siametse mongwe le mongwe ka se ne se tsena phakela.
O ne a tlatsa ka gore mo malatsing a gompieno go tletse makoa ka jalo fa go tla nako ya maitseboa bagolo ka bontsi ba batla go sekama ka jalo ga ba kgone go tsenelela dikolo tsa thuto ga e golelwe ka di simolola maitseboa. Mme Majoko a re go sego ba ba akotseng go tsena ka kgoro ya sekolo sa Kgalemang Motsete. A re ba tla dira ka bojotlhe go bona gore lefelo leo e nna la ditso.
O rotloeditse botlhe ba ba nang le mafelo a ditso go a somarela go tshegetsa ngwao ya bo rraabo go tla go kgaogana le banabana ba bone ka tse di neng di diragala ka nako ya bone fela jaaka le bone batsadi ba bone ba kgaogane le bone ka tse di neng di diragala ka nako ya Kgalemang Motsete.
Ba re Rre Motsete o tla tswelela ele mogaka wa bone ka a diretse batsadi ba bone tse ba tla se kitlang ba se lebala. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : MOSOJANE
Event : Potsolotso
Date : 17 Sep 2014