Ba gakololwa go ikamanya le thuo
17 Sep 2014
E re ka go lemosegile fa kgaolo ya Kweneng e dira sentle mo mananeong a tsa thuo bogolo jang ya dihutshane, banni ba kgaolo eo ba gakolotswe go tsibogela lenaneo la ISPAAD e e faphegileng ka bontsi, le le sa tswang go simolodisiwa bosheng ka le akaretsa thuo.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Takatokwane bosheng, mogolwane wa ofisi ya tsa kgodiso le tlhabololo ya leruo go tswa Letlhakeng, Rre Bakang Keinyatse, a re puso e sa tswa go simolodisa lenaneo leo mo dikgaolong tsa Kgalagadi, Ghanzi le bontlha bongwe jwa kgaolo ya Ngwaketsi go akarediwa Kweneng.
A re go dirilwe se morago ga go lemoga fa dikgaolo tseo di sa dire sentle mo go tsa temo, ka dipula di le boutsana mo go tsone.
A re dithuso tsa lenaneo leo di akaretsa thuo ya dihutsane, dikoko tsa Setswana le dikgaka le a mangwe mananeo a tshwana le go phunyediwa didiba, mme a kaya fa motho a ka thusiwa ka lenaneo le fa a ne a sa akola la LIMID le a nyeletso lehuma ka jaana a tsamaelana.
O gwetlhile banni bao go ikopela lenaneo le ka dipalo tse dintsi ka jaana kgaolo ya bone e siametse thuo, mme a ba kaela go etela ofisi ya bone go tlatsa difomo tsa ikopelo, a supa fa ikopelo ya lenaneo le e tsamaisiwa fela jaaka a mangwe a ntseng a le teng a LIMID.
O ne a kgothatsa banni bao go somarela mananeo ao fa ba sena go a abelwa gore ba ikapole lehuma le gone go itshedisa ka tsa thuo.
Fa ba akgela mo phuthegong eo, banni ba supile fa maiteko a puso a go ba namola mo lehumeng a bonala ntswa ba lebanywe ke dikgwetlho dingwe tse di paledisang mananeo ao go dira ka thelelo.
Ba rurifaditse fa e le boammaruri kgaolo ya bone e siametse thuo ya dihutshane jaaka dipodi mme fela ba supa fa ba tshwenngwa ke tiego ya melemo ya dihutshane morago ga go thusiwa ka mananeo a tshwana le LIMID le a nyeletso lehuma, selo se ba reng se baka gore ba latlhegelwe ke leruo ka bontsi.
Mongwe wa batsena phuthego eo, Rre Thusoemang Dithapo o supile fa bontsi jwa barui ba ne ba latlhegelwa ke leruo ka ntlha ya bolwetse le tlhaelo ya metsi mo kgaolong, mme a supa fa seo se ba kgobisa marapo ka e bile bangwe ba ne ba sala ba iphotlhere e bile seemo se, se phutlhamisa maiteko a puso a go fedisa lehuma.
Banni ba ne gape ba itela ka tiego ya go abelwa dipodi ka lenaneo la nyeletso lehuma morago ga go tsenelela dithuto. Godimo ga moo ba ngongoregela tshekatsheko e e dirwang ke ba ofisi ya boipelego e ba supang fa ba dumela e sa dirwe ka tsamaiso e e tlhamaletseng.
Fa a tsibogela dingongora tseo, Rre Keinyatse o supile fa e le boammaruri go ne ga nna le tiego ya go abela banni ba kgaolo eo dipodi ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma mme a solofetsa fa ba tla ikitaya ka thupana gore e re kgwedi eno e ya fifing ba bo ba thusitse ba le bantsi.
O supile fa ba lebanywe ke kgwetlho ya tlhaelo ya dipodi mme a ikuela mo baruing gore ba ba rekisetse mme ba ye go abela setshaba.
Fa a itebaganya le kgang ya tlhaelo ya melemo, o supile fa ba ne ba salela morago go abela barui melemo, mme a ba netefaletsa fa ba tla tsibogela seemo seo mo nakong e e sa fediseng pelo.
Rre Keinyatse o ne gape a gakolola balemi go dira ditlhopha gore ba gokelelwe metsi ka go phunyediwa didiba ka lenaneo la LIMID ka ba lela ka tlhaelo ya metsi go nosa leruo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelley Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Sep 2014